Printer-friendly version
Gatisa
-A A +A
Bogolo     
Phetiso ya rss
Share this
Seabe / Karolelo

DIKHAMPHASE TSE YBB

 

KHAMPHASE YA POTCHEFSTROOM

Tlhaloso ka Bokhutshwane

Jaaka khamphase e kgolo go di feta tsotlhe ya bogologolo mo go tsone tsotlhe, e e nang le dingwaga di le 141, Khamphase ya Potchefstroom ga e bolo go itirela leina la go tlhagisa baalogi ba maemo a a kwa godimo le go simolola ditiro tsa patlisiso.

Khamphase eno e e leng mo toropong ya yunibesiti e e nang le hisitori, e kile ya bo ka tlwaelo e amogela baithuti ba ba buang Aforikanse mme gompieno jaana, e amogela badiri, baithuti le barutabana ba dipuo tse di farologaneng le ba ditso tse di farologaneng.  Ka sekai, gore baithuti ba ba sa bueng Aforikanse ba solegelwe molemo, go na le ditirelo tsa go toloka tse di dirisiwang mo dithutong tse di lejwang e le tsa konokono tsa go tlhabolola ikonomi ya Aforika Borwa. Seno se dirile gore kgolo ya mo Khampaseng ya Potchefstroom e nne e tswelele pele, mme kgolo eo e ne ya nna le baithuti ba le 35 174 ka 2008, go akaretsa le baithuti ba le 18 800 ba ba neng ba tsenela dithulaganyo tsa go ithuta ba se mo setheong. 

Khamphase ya Potchefstroom e na le magoro a le robedi a thuto: Diatshe; Disaense Tsa Ikonomi le Tsa Botsamaisi; Disaense Tsa Thuto; Boenjenere; Disaense Tsa Boitekanelo; Molao; Disaense Tsa Tlhago le Thutabomodimo. Mo godimo ga moo, e na le ditlamo di le 20 tsa patlisiso, ditikatikwe di le mmalwa le ditheo le babatlisisi ba le 102 ba Setheo sa Patlisiso sa Bosethaba se neng sa ba tlhoma maduo. Ba akaretsa mofisikisi yo o neilweng maduo a A1, e leng tetlelelosemmuso e e kwa godimo go di feta tsotlhe.

Seno ga se re gakgamatse ka gonne Khampase ya rona e itsege ka mokgwa o moa wa go dira dilo, e bile badiri le baithuti ba yone ba tlhamile dilo tse ba nang le ditshwanelo tsa tsone tsa kgwebo kgotsa tse go nang le kgonego ya go dira papatso ka tsone.  Dilo tseno di akaretsa sefofane se se sa tshwaneng le sepe (se se bidiwang JS1 Revelation Glider) se se romelwang kwa ntle kwa dinageng di sele, tsamaiso e e dirang gore ditlhase di runye, dijenereitara tse di sa senyeng moya o re o hemang le didirisiwa tsa khomphiuta tsa go sekaseka mopeleto tsa dipuo tsa Se-Aforika.

Gape, ditlamo di le dintsi tsa patlisiso tsa bosethaba le tsa bodithabathaba di batla go dirisana mmogo le Khampase ya rona mo go tsa thuto le patlisiso. Se sengwe gape ka yone ke gore Setheo sa yone sa Khemisi ya Bodirelo ke sengwe sa ditlamo di le 15 tse di tlhomilweng ke Lefapha la Boitekanelo la Amerika gore se abele batho di-anti-retroviral le melemo e mengwe ya kalafi ya dithibela-bolwetse kwa dinageng tse di tlhabologang.  Mo lefapheng la fisikisi e e dirang ka sebaka, setlhopha sa babatlisisi sa mo Khampaseng se ne sa nna sengwe sa ditlhopha tse di dirang le tsa dinaga di sele sa High-Energy Stereoscopic System (HESS) se se neng sa ikgapela Moputso wa Descartes wa 2006. Boeng fela jaana, Lefapha la Aforika Borwa la Saense le Thekenoloji le ne la tlhopha khamapase gore e tshwaraganele tiro le setlamo sengwe mo go eteleleng pele Tikatikwe ya Go Ntsha Bokgoni Jwa Ditirelo Tsa Haeterojene.

Sengwe gape se e dirang sentle thata mo go sone ke boenjenere jwa nyutlelia.  Ka thuso ya Khamphase ya Potchefstroom, YBB e ne e le yone yunibesiti ya ntlha mo Aforika Borwa go nna le serutwa sa go ithutela go tshwanelegela masetase, e seng e le nngwe, mme tse pedi mo mofuteng wa tiro eno, e leng M Eng le MSc mo Boejenereng jwa Nyutlelia.  Gape, Khampase ya rona ke sengwe sa ditlamo tsa konokono tsa go tlhabololo thekenoloji mo porojekeng ya Aforika Borwa ya Pebble Bed Modular Reactor.

Mo godimo ga ditshwanelego tsa yone tsa maemo a a kwa godimo tsa thuto le patlisiso, Khamphase ya Potchefstroom e itsege ka bokgoni jwa yone mo go tsa metshameko le ka dikago tsa yone tse dintle. Di akaretsa Setheo sa FNB sa Go Dira ka Natla, se baatlelete ba le mmalwa ba Diolimpiki ba neng ba ikatisetsa kwa go sone fa ba ne ba ipaakanyetsa Metshameko ya Diolimpiki ya 2008. HPI le yone e tlhophilwe ke Mokgatlho wa Bodithabathaba wa Lobelo lwa Dibaeseke le ke  Mokgatlho wa Bodithabathaba wa Boatleletiki Jwa Dikarolo-tharo.