
SEKOLO SA DITHUTO TSA IKONOMI
Mekgele ya Tiro
Mekgele ya Tiro, Go Tlhopha Mekgele ya Tiro kgotsa mekgele e go ka diregang gore go tlhophiwe yone
Mekgele ya tiro e go ka diregang gore baithuti ba tlhophe yone fa ba sena go fetsa lengwe la mananeo a a rutwang ke Sekolo sa Dithuto Tsa Ikonomi, e ka tsela e e latelang:
|
BCom ya Dithuto Tsa Ikonomi le Kgwebo ya boditšhabatšhaba |
Baalogi ba ba fetsang lenaneo leno ba tla katisediwe mekgele e e farologaneng ya tiro mo ditheong tsa puso le tsa poraefete, ba katisiwa jaaka baikonomi le bagakolodi ka tsa ikonomi, le go dira mo bodirelong jwa thomeloteng le jwa thomelontle le mo mafapheng a go dira papatso le a go laola gonagalo ya go nna le ditatlhegelo tsa madi. |
|
BCom ya Dithuto Tsa Ikonomi le Go Laola Kgonagalo ya Ditatlhegelo Tsa Madi |
Baalogi ba ba feditseng lenaneo leno ba ka tlhopha mekgele ya tiro ya botsamaisi jwa banka, go laola kgonagalo ya ditatlhegelo tsa madi, lefapha la kgwebo la tsa matlotlo, lefapha la tsa matlotlo la mo toropong, botsamaisi jwa letlole, botsamaisi jwa matlotlo, SAFEX le madi, kapetlele le go dira ka peresente ya dithekiso tsa kgwebo. Gape ba ka latelela mekgele ya tiro ya go nna mogakolodi ka tsa ikonomi le ka tsa madi. |
|
BCom ya Dithuto Tsa Ikonomi le Go Laola Kgonagalo ya Ditatlhegelo Tsa Madi le Botsamaisi jwa Dipeeletso |
Baalogi ba ba feditseng lenaneo leno ba ka tlhopha mekgele ya go dira ka peresente ya dithekiso tsa kgwebo, botsamaisi jwa banka, go laola kgonagalo ya ditatlhegelo tsa madi, lefapha la kgwebo la tsa matlotlo, botsamaisi jwa letlole, botsamaisi jwa matlotlo, SAFEX, mmaraka wa madi le kapetlele ya mmaraka. Gape ba ka tlhopha mekgele ya tiro ya go nna moikonomi, mogakolodi ka tsa ikonomi, mogakolodi ka tsa madi le kgonagalo ya ditatlhegelo tsa madi. |
|
BCom ya Dithuto Tsa Ikonomi le Tshedimosetso |
Baalogi ba ba feditseng lenaneo leno ba ka tlhopha mokgele wa tiro o mo go one go dirisiwang khomphiutha mo ditirong tsa madi, tsa kgwebo, le mo ditlamong tsa madirelo le tsa puso, mmogo le ditiro tse di jaaka go nna mosekaseki wa kgwebo, moikonomi, motho yo o gwebang ka dišere kgotsa mogakolodi. |


