
SEKOLO SA DITHUTO TSA IKONOMI
Go amogelwa mo sekolong le dipatlafalo tsa teng
Dipatlafalo tsa go amogelelwa didikirii tsa BCom mo Dithutong tsa Ikonomi di ka mokgwa o o latelang:
Dikirii ya BCom e tlhoka bobotlana maduo a APS a le 24 le mmetshe wa mophato wa bo 4. Ka ntlha ya go bo go na le sebaka se se lekanyeditsweng fela, go ka nna ga dirwa kopo e nngwe e e oketsegileng, jaaka palogare ya peresente ya 65% mo go kereiti 11. Dipatlafalo tse di kgethegileng tsa go amogelwa tsa kharikhulamo nngwe le nngwe di mo lenaaneng le le fa tlase. Go bona pontsho e e feletseng ya ka fa maduo a APS a balelelwang ka gone, obetsa admission requirements .
Dipatlafalo tse di kgethegileng tsa go amogelelwa BCom (dingwaga di le 3)
BCom ya Dithuto Tsa Ikonomi le Kgwebo ya boditšhabatšhaba
Dithuto Tsa Ikonomi le Go Laola Kgonagalo ya Ditatlhegelo Tsa Madi
APS e na le maduo a le 24, Mmetshe Mophato 4
BCom ya Dithuto Tsa Ikonomi le Tshedimosetso
APS e na le maduo a le 28, Mmetshe Mophato 4
BCom ya Dithuto Tsa Ikonomi, Go Laola Kgonagalo ya Ditatlhegelo Tsa Madi le Botsamaisi Jwa Dipeeletso
APS e na le maduo a le 28, Mmetshe Mophato 5
Mathematics Refresher Course ,notes and study material
Baithuti ba ba sa ithutang serutwa sa Bobamamatlotlo kwa sekolong, ba tshwanetse go fetsa ka katlego khoso e khutshwane ya bobalamatlotlo kwa Khamphaseng ya Potchefstroom. Fa moithuti a sa falole khoso e khutshwane eno ka bobotlana 65% o tla tshwanelwa ke go ikwadisetsa ACCS111. Baithuti ba go ka ikgolaganngwang le bone gore go ithutelwe khoso e khutshwane ya bobalamatlotlo:
Prof Danie Schutte
Me Magriet Weyers
Dipatlafalo tse di kgethegileng tsa go amogelelwa BCom Onase ya.
Tsweetswee tobetsa here.
Leba e-Yearbook go bona tshedimosetso ka botlalo ya dikirii le mmogo le dipatlafalo tsa go amogelwa morago ga kalogo.


