
DISAENSE TSA THUTO
Sekolo sa Dipatlisiso
Ka ga rona
|
The School of Curriculum-based Studies is predominantly responsible for training undergraduate teaching students on campus. |
Sekolo sa Patlisiso ka Kharikhulamo ke se lenaneo la katiso ya thuo le simolotseng mo go sone, Baccalaureus Educationus (BEd) le Setifikeiti sa Thuto sa Morago ga Kalogo (Post-Graduate Certificate of Education PGCE). Gape se rutela dikirii ya dingwaga di le tharo, ya go katisa bakatisi ya Batšhelara ya Katiso le Tlhabololo (Baccalaureus in Training and Development BTD),
BEd ke thutego ya seporofešenale ya dingwaga di le nne e e tlamelang ka thutogodimo le thuto ya seporofešenale e motho a e tlhokang gore a nne morutabana. PGCE le lenaneo la ngwaga o le mongwe le le latelang morago ga dikirii e e amogetsweng semmuso. Mo mananeong a a umakilweng fa godimo tiro ya go ruta ya go tlholwa ga bokgoni jwa yo o rutang ke karolo e e botlhokwa ya lenaneo leno, go simolola ka ngwaga wa ntlha go ya pele. Morago ga go wetsa lenaneo leno ka katlego, moithuti o tshwanelegela go ikwadisa kwa Lekgotleng la Batlhatlheledi la Aforika Borwa le go tlhomiwa go nna morutabana mo sekolong sa Aforika Borwa mo go REQV14.
Thutego ya BTD ke thutego ya dingwaga di le tharo. Ka thutego eno, baithuti ba ka nna ba dira jaaka bakatisi mo setlamong sa katiso le tlhabololo.
Mananeo ano a felela ka go bona dikirii, e bile a naya baithuti tshono ya tsenela mananeo a morago ga kalogo go fitlha go boemo jwa bongaka (PhD).
june 2011


