
LEGORO LA MOLAO
Ka Ga Rona
|
Legoro la Molao le boloka boemo jo bo kwa godimo jwa go ruta le go ithuta, dipholo tsa patlisiso le tirelo-setšhaba. Mokgele wa batlhatlheledi mo legorong ke go tlhomelela baithuti ba ba botlana ba molao ka kitso, maitsholo a a siameng le bokgoni jo ba tla bo tlhokang mo botshelong jwa bone jwa seporofešenale le go atolosa saense ya molao ka patlisiso ya bone. Gareng ga tse dingwe, go na le dithuso tse di tlhomologileng tsa setšhaba le tsa boditšhabatšhaba ka jenale ya semolao e e amogetsweng semmuso ya legoro (PER), mokwaledi wa Setlamo sa Molao wa Tsa Tikologo (Environmental Law Association ELA) le go tshwarwa ga dikhonferense tsa ka metlha tsa botegeniki. Mo gare ga baithuti ba nako e e fetileng, go na le batho ba ba farologaneng ba ba tumileng, baporofesa ba tlotlego le baporofesa ba ba tlhomologileng ba legoro. Legoro le golagane thata le dithaka tsa lone tse di farologaneng tsa kwa dinageng di sele. Baithuti ba legoro ba ipelela tikologo e e itumedisang le ditshono tse di farologaneng tsa go ithuta, mmogo le go nna le seabe mo dikgaisanong tsa go etsisa maemo a kwa kgotlatshekelong, go etelana, go refosana dithuto le go etelwa ke batlhatlheldi ba e leng bomankge mo tirong ya bone. Thuto ya morago ga kalogo e tlamela baalogi ka ditshono tse di kgethegileng tsa go ithutela dithuto tse ba tla itsegeng ka tsone le tse dingwe tse di oketsegileng SADCLJ SPECIAL EDITION: CLIMATE CHANGE AND THE AFRICAN CONTINENT |
|
|||
|
|
||||







