
CENTRE FOR TEXT TECHNOLOGY (CTexT®)
Molaetsa wa Kamogelo go tswa go setlhopha sa botsamaisi
CTexT ke mokgwa o moša wa go dira patlisiso le senthara ya tlhabololo e e nang le diporojeke tse di farologaneng tse di gwetlhang. Re dira sentle tota fa re kopana le dikgwetlho tse diša le dikgopolo tse diša le go dira gantsi re pitlagantswe ke nako gore re kgone go fitlhelela boleng jo bo kwa godimo-dimo mo tirong yotlhe ya rona. Ka jalo re tlhama ditshono tsa gore go nne le dipharologano mo setlhopheng, se mo go sone re sa emaneng nokeng fela, mme gape re a gwetlhana gore re ntshe ga tshwene. Re na le mokgwa wa go dira o o seng wa semmuso, o o tlhaga le wa go rotloediwa ke go batla go atlega, moya wa go dira wa go tlotlana le go ikanyana. Ka jalo badiri ba rona ba a ithotloetsa, ba tlhaga e bile ba na le mokgwa o moša wa go dira dilo, re itumedisiwa ke go mekamekana le dikgwetlho di le mmalwa ka nako e le nngwe fela, go dira ka natla re le mmogo le go tlhama dikgopolo tse diša.


