Senthara ya Thekenoloji ya Mokwalo (CTexT®)
Ka Ga Rona
Ka 1 Seetebosigo 2004 Centre for Text Technology (CTexT®) e ne ya simolola go dira jaaka yuniti e e sa direng porofete, e e ikemetseng ka nosi ya Tikatikwe ya patlisiso: Puo le Puisokwalo mo Aforika Borwa mo Legorong la Botsweretshi kwa Yunibesiting ya Bokone-Bophirima (Khamphase ya Potchefstroom).
Badiri ba CTexT ba dira patlisiso ya mefuta e e farologaneng le ditiro tsa tlhabololo. Go ikaeletswe gore go nne le tirisanommogo e e atamalaneng thata fa gare ga patlisiso eo le ditiro tsa tlhabololo. Mme fa go kgonega, Patlisiso e tshwanetse go felela ka/go thusa ka go tlhagisa dikumo, le fa dikumo tsotlhe di tlhagisiiwa ka go dirwa ga patlisiso e e tseneletseng ka tsone.
Ditiro di le nne tsa konokono tsa CTexT di akaretsa dilo tse di latelang:
• Patlisiso (go akaretsa le patlisiso ya motheo, patlisiso e e rulagantsweng sentle, patlisiso e e tsenngwang tirisong, le patlisiso ya papatso)
• Go tlhama (go akaretsa le go tlhama metswedi le didirisiwa le dikumo tse di feleletsang di dirisiwa ke badirisi)
• Kgwebo ya dikumo le ditirelo
• Go tlamela badirisi ba dikumo/badirelwa ditirelo ka dikumo le kemonokeng
Malebana le HLT le Dipuo tsa Khomphiutha mo Aforika Borwa, CTexT e na le dintlha tse go tlhomilweng mogopolo mo go tsone di le tharo tse di kgethegileng:
• Dipuo tse ka sewelo di nang le didirisiwa tsa go ranola (go tlhomilwe mogopolo thata mo Dipuong tsa Tsa Aforika Borwa);
• Didirisiwa tsa Paakanyo Diphoso mo Mokwalong, Serweboleta sa Khomphiutha sa go Thusa go Ithuta Puo, Diporokeramo Tsa Khomphiutha Tsa go Ranola, le Tshedimosetso ya HLT; leMokgwa wa go Kwala Dipadi ka go Dirisa Puo e e Tlhaloganyesegang Sentle.
|