
LEGORO LA DISAENSE TSA TLHAGO
Lemorago la tshedimosetso
Senthara ya Lefapha la Mmetshe wa Kgwebo le Ditharabololo Tsa Kgwebo® (BMI Business Mathematics and Informatics) e ne ya tlhomiwa ka 1998 e le letsholo le le kopanetsweng ke Yunibesiti ya Potchefstroom (e jaanong e leng Yunibesiti ya Bokone-Bophirima) le Absa. Boikaelelo-bogolo jwa seno e ne e le go tlhoma Senthara ya BMI jaaka Senthara e e di Gogang Kwa Pele mo tshekatshekong ya go bona gore a go na le kgonego ya go nna le ditatlhegelo tsa madi/go atswa thulaganyo ya bokatisi jwa batsamaisi le patlisiso mo intasetering ya ditirelo tsa ditšhelete tsa Aforika Borwa. Kgopolo ya BMI e theilwe mo godimo ga kgopolo e e tshwanang le eo e e neng ya tlhamiwa ke banka ya RABO le Yunibesiti ya Vrije kwa Amsterdam dingwaga di le mmalwa tse di fetileng.
Ka 1998 barutegi ba le bararo (Mop Erasmus, de Jongh le De Waal) ba ne ba tlhomiwa kwa senthareng ya BMI gore ba rute ba bangwe go nna le dikgono tsa tiro le go tlhama kitso ka ga mekgwa le maano a go dira mo tirong ya kgonego ya go nna le ditatlhegelo tsa madi/go atswa thulaganyo ya bokatisi jwa batsamaisi gore go engwe nokeng intaseteri ya ditirelo tsa ditšhelete le go tlhagisa baithuti b a ba nang le bokgoni mo tirong le bokgoni jwa go dira patlisiso. Fa e sa le Senthara eno ya BMI e tlhongwa e godile go nna lefapha le le kgonang go itsetsepela le le dirileng tiro ya lone go feta ka fa go neng go lebeletswe ka gone ka ditsela di le dintsi. Ga jaanong jaana Senthara ya BMI e na le barutegi ba le 11 le baemanokeng ba badiri ba le 3. Bontsi bo leba Senthara eno e le ya intaseteri ya ditirelo tsa ditšhelete mo lefelong le e leng mo go lone malebana le boleng jwa mananeo a katiso le patlisiso.


