
MAGORO & DIKOLO
Jaaka yunibesiti ya dikhampase tse di farologaneng, YBB e naya baithuti dilo tse di farologaneng gore ba itlhophele mo go tsone, e leng dithuto le bonno. Dikhampase tseno ka boraro jwa tsone di na le magoro a le 15 a borutegi, ao fa a le mmogo a nang le dikolo di le 50. Magoro mangwe gape a na le ditikatikwe le ditheo tsa dikhoso tse dikhutshwane, mefuta e mengwe ya go tlhabolola dikgono tsa tiro le ditirelo tse di farologaneng tsa mo baaging le tsa kgwebo.
Dikhampase
• Khampase ya Mafikeng
• Khampase ya Potchefstroom
• Khampase ya Khutlotharo ya Lekwa
Khampase ya Mafikeng
Khampase eno e na le magoro a le tlhano a borutegi a a nang le dikolo di le 14 le ditikatikwe tse di farologaneng.
Magoro
• Temothuo, Saense le Thekenoloji
- Sekolo sa Disaense Tsa Temothuo
- Sekolo sa Disaense Tsa Tikologo le Boitekanelo
- Sekolo sa Disaense Tsa Mmetshe le Bonetetshi
- Tikatikwe ya Dithuto tsa Boitekanelo Jwa Diphologolo
- Tikatikwe ya Patlisiso ka Mowa le Metsi
- Centre for Applied Radiation and Technology (CARST)
• Kgwebo le Botsamaisi
- Sekolo sa Kalogo sa Kgwebo le Boeteledipele
- Sekolo sa Disaense Tsa Bobalamatlotlo le Botsamaisi
- Sekolo sa Disaense Tsa Ikonomi le Ditshwetso
- Tikatikwe ya Kgwebo le Botsamaisi
- Sekolo sa go Katisa Boeteledipele Jwa Bommaespala
• Thuto
- Sekolosa Dithuto Tsa Pele ga Lekwalo la Boalogane
- Sekolo sa Dithuto Tsa Morago ga Lekwalo la Boalogane
- Sekolo sa go Tsweletsa Thuto Pele
• Disaense Tsa Mekgwa ya Batho le Tsa Loago
- Sekolo sa Disaense Tsa Mekgwa ya Batho
- Sekolo sa Disaense Tsa Loago
- Sekolo sa Morago ga Lekwalo la Boalogane le Patlisiso
• Molao
- Sekolo sa Dithuto Tsa Pele ga Lekwalo la Boalogane
- Sekolo sa Dithuto tsa Morago ga Lekwalo la Boalogane
- Tikatikwe ya Molao ya Baagi
Khampase ya Potchefstroom
Khampase eno e na le magoro a le robedi a a nang le dikolo le ditikatikwe tse di fetang 30.
Magoro
• Diatshe
- Sekolo sa Dipuo
- Sekolo sa Dithuto Tsa Loago le Puso
- Sekolo sa Mmino
- Sekolo sa Dithuto Tsa Tlhaeletsano
- Sekolo sa Filosofi
• Disaense Tsa Ikonomi le Botsamaisi
- Sekolo sa Kgwebo sa Potchefstroom
- Sekolo sa Disaense Tsa Bobalamatlotlo
- Sekolo sa Tsa Ikonomi
- Sekolo sa Botsamaisi jwa Kgwebo
- Sekolo sa Disaense Tsa Lefapoha la Tsa Badiri
• Disaense Tsa Thuto
- Sekolo sa Thuto
- Sekolo sa go Tsweledisetsa Pele Thuto ya Barutabana
- Sekolo sa dipatlisiso ka Kharikhulamo
- Greenwich School of Theology
• Boenjenere
- Sekolo sa Boejenere Jwa Dikhemikale
- Sekolo sa Boenjenere Jwa Motlakase, Eleketeroniki le Dikhomphiuta
- Sekolo sa Boenjenere Jwa go Kheneka
• >Disaense Tsa Boitekanelo
- Sekolo sa Saense ya Di-Biokinetic, Boitlosobodutu le Metshameko
- Sekolo sa Famasi
- Sekolo sa Disaense Tsa Thuto ya go Dira ga Mmele, sa Dijo Tse di Nang le Dikotla le sa Badirisi ba Dikumo
- Sekolo sa Disaense Tsa Mathata a Tlhaloganyo mo Loagong
- Sekolo sa Booki
• Disaense Tsa Tlhago
- Sekolo sa Disaense Tsa Bonetetshi le Tsa Dikhemikale
- Sekolo sa Disaense Tsa Tikologo le Tlhabololo
- Sekolo sa Disaense tsa Khomphiuta, Dipalopalo le Mmetshe
- Tikatikwe ya Mmetshe wa Kgwebo le Ditharabololo Tsa Kgwebo
- Tikatikwe ya Bolaodi Jwa Tikologo
- Tikatikwe ya go Tsiboga ga Methabolisime ya Batho
• Thutabomodimo
- Sekolo sa Dithuto Tsa Baebele le Dipuo Tsa Baebele
- Sekolo sa Dithuto Tsa Dikereke Tsa Bokeresete
• Molao
- Senthara ya Molao wa Bosetšhaba le Tlhabololo
- PER
- NWU Students Law Review
Khampase ya Khutlotharo ya Lekwa
Khampase eno e na le magoro a le mabedi a a nang le dikolo di le supa.
Magoro
• Dithuto tsa mekgwa ya batho
- Sekolo sa Disaense Tsa Loago
- Sekolo sa Dipuo
- Sekolo sa Disaense Tsa Motheo
- Sekolo sa Disaense Tsa Thuto
• Disaense Tsa Ikonomi le Thekenoloji ya Tshedimosetso
- Sekolo sa disaense tsa palomatlotlo
- Sekolo sa Thekenoloji ya Tshedimosetso
- Sekolo sa Disaense tsa Ikonomi


