Fotim (Mokgatlho wa Ditheo Tsa Theiari tsa Dikgaolo Tse di Ka fa Bokone)
Mokgatlho wa Ditheo Tsa Theiari tsa Dikgaolo Tse di Ka fa Bokone
Fotim eno e e tlhomilweng ka 1995, ke tlhotlheletso e e molemo ya gore go nne le tirisanommogo fa gare ga diyunibesiti di le robonngwe mo dikarolong tsa bokone jwa Aforika Borwa.
Seabe se YBB e nang le sone
Fa dingwaga di ntse di kgabaganya, baemedi ba le mmalwa ba YBB ba ile ba tlhomiwa go nna maloko a Komiti-Khuduthamaga. Boeng jaana, ka 2008 le ka 2009, Porofesa Thembi Mosia, Mokwadisi mo Setheong wa YBB, o ne a le mo maemong a Motshwarwa-Matlotlo.
Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba Setsha sa inthanete sa Fotim.
HESA
Mokgatlho wa Thuto e e Kwa Godimo mo Aforika Borwa
Diyunibesiti tsotlhe di le 23 tsa Aforika Borwa tsa puso ke tsa Hesa, e e tlamelang ka thono ya gore go rarabololwe mathata mangwe a a masisi ka kutlwano a a amang thuto e e kwa godimo.
Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba Setsha sa inthanete sa Hesa.
ACU
Mokgatlho wa Diyunibesiti Tsa Kgwereanodithaba
ACU e maloko a yone e leng ditheo di ka nna 500 mo dinageng tsa kgwereanodithaba, e tsweledisetsa pele tirisanommogo ya bodithabathaba le kutlwano mo ditheong tsa thuto e e kwa godimo.
Go nna le seabe ga YBB:
Motlatsa-Mothanselara wa YBB, e leng Ngaka Theuns Eloff, ke Modulasetulo wa ga jaanong wa ACU. O ne a tlhomiwa kwantle ga dikganetsano dipe ka Phukwi 2009 morago ga go fetsa dingwaga di le pedi tse di fetileng e le Motlatsa-Mothanselara wa ACU. Ngaka Eloff o tla nna Modulasetulo go fitlha ka Phukwi 2011.
Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba Setsha sa inthanete sa ACU.
CHE
Lekgotla la Tsa Thuto e e Kwa Godimo
CHE ke setlamo se se ikemetseng ka nosi sa semolao se se nayang Tona ya Thuto dikgakololo ka tsa pholisi ya thuto e e kwa godimo e bile le na le maikarabelo a go bona gore thuto e dirwa ka tsela e e nang le boleng le go amogelwa semmuso ga lenaneo la thuto mo setheong.
Go nna le seabe ga YBB:
YBB e dira le CHE mo go amogelweng semmuso ga mananeo a yone a thuto e bile e ela tlhoko gore tiro ya yone ke ya boleng jo bo batlwang ke yone.
Go bona tshedimosetso e e oketsegileng leba Setsha sa inthanete sa CHE.
HEQC
Komiti ya Boleng Jwa Thuto e e Kwa Godimo
HEQC ke komiti ya leruri ya Lekgotla la tsa Thuto e e Kwa Godimo. E rotloetsa gore thuto e e kwa godimo mo Aforika Borwa e nne ya boleng jo bo kwa godimo e bile e amogela semmuso mananeo otlhe a thuto e e kwa godimo.
Go bona tshedimosetso e e oketsegileng leba Setsha sa inthanete sa HEQC.
AAU
Mokgatlho wa Diyunbesiti Tsa Aforika
AAU ke kokoano ya batho go tswa mo kontinenteng yotlhe e e leng ka ga thuto e e kwa godimo mo Aforika, mme maloko a yone ke ditheo di le 215 go tswa kwa dinageng di le 44 tsa Aforika.
Go nna le seabe ga YBB:
Yunibesiti ya rona ke nngwe ya diyunibesiti tsa puso di le 17 tsa Aforika Borwa tse e leng maloko a AAU, e mokgele wa yone e leng go ema nokeng diyunibesiti tsa Aforika mo ditirong tsa tsone tsa go ruta le go ithuta, go dira patlisiso le tirelo sethaba.
Go bona tshedimosetso e e oketsegileng leba Setsha sa inthanete sa AAU.