
GO RUTA BA BANGWE THEKENOLOJI
Ka Ga Rona
Ofisi ya Go Ruta ba Bangwe Thekenoloji e ema nokeng dikhamphase tsotlhe ka dikarolo tsotlhe tsa go tlhoma diintaseteri mo mafelong a a farologaneng le go gweba ka ditlhamo tsa tsone, go akaretsa le ditiro tse di latelang:
• Go thusa ka go tlamela dikopo ka madi gore go dirwe kgwebo
• Go dira papatso ka dithekenoloji le ka bokgoni
• Go aga tirisanommogo fa gare ga diintaseteri
• Go Sireletsa Ditshwanelo Tsa Tlhamo-Sea
Gape, Ofisi e thusa ka:
• Go batlana le botsweretshi
• Diphukutso tsa go dira patlisiso ka dimmaraka le thekenoloji
• Go buisana le boramolao ba ditshwanelo tsa tlhamo-sea
• Go tlhomiwa ga diintaseteri
• Go tlhalosa se se tlhokwang ke mebaraka
• Go laola diporojeke tse di tlhophilweng
• Go batla le go tlhopha dikonteraka-potlana
• Go gweba
• Go batla le go tlhopha bagwebisani-mmogo
• Go tlhama mekgwa le dithulaganyo tsa kgwebo le go tlotla ka tsone
• Go Laola Ditshwanelo Tsa Tlhamo-Sea
• Go tshwara ditherisano ka tsa dilaesense le ditumalano tse dingwe tsa go ruta ba bangwe thekenoloji
• Go tlhoma le go baya leitlho dikhamphani tse di duleng mo go eno
• Go laola ditumalano tse di sa ntseng di dira tsa dilaesense
• Go rulaganya le go tshwara dikokoano tsa baithuti ba ba ithutelang kgwebo
- Naka Rudi van der Walt
Mokaedi wa Setheo wa: Go Ruta ba Bangwe Thekenoloji


