
TAOLO LE TSAMAISO YA DIREKOTO
Ka ga rona
O a amogelwa mo ditsebeng tsa webo tsa lefapha la Botsamaisi Jwa Direkoto le Tsamaiso. Lfefapha la rona le ema nokeng Mokwadisi wa mo Setheong gore a kgone go diragatsa maikarabelo a gagwe jaaka tlhogo ya tsamaiso ya mokgatlho. Boikarabelo jwa rona ke go tlhomamisa gore dithulaganyo tse di farologaneng tsa tsamaiso (jaaka di tlhalosiwa fa tlase fano) kwa YBB di tsamaya ka thelelo le gore badiri-mmogo ba newa kaelo le thuso e ba e tlhokang Re lefapha la kemonokeng le le ikaeletseng go tlhomamisa gore dilo di laolwa ka tsela e e siameng le gore botsamaisi le jone ke jwa thulaganyo ya maemo a a kwa godimo e bile re motlotlo go bo re dira ka fa tlase ga boeteledipele jwa Mokwadisi wa mo Setheong. Re kopa gore o sekaseke ditsebe tsa rona tsa webo go bona tshedimosetso e e oketsegileng le gore o ikgolaganye le rona fa o na le dipotso tse dingwe.
Maikaelelo le maikemisetso a lefapha la Botsamaisi Jwa Direkoto le Tsamaiso ke go thusa YBB ka maikemisetso a yone a go nna Yunibesiti e e tlhomologileng mo Aforika, ka go e direla tirelo ya boleng jo bo kwa godimo mo mafapheng a re nang le maikarabelo mo go one, le go thusa ka go gagamalela kitso le ka mokgwa o moša wa go dira dilo. Re leka ka natla go tlamela ka kemonokeng ya maemo a a kwa godimo ya tsamaiso ka ditirelo tsa rona gore re tlhomamise gore dilo di laolwa ka mokgwa o o siameng le gore botsamaisi mo YBB le jone bo dirwa ka mokgwa o o siameng.
Amanda van der Merwe
Mmenejara: Botsamaisi Jwa Direkoto le Tsamaiso
2011-05-24



