Printer-friendly version
Gatisa
Share this
 

DIKGANG

Motswedi wa Dikgang

Jaaka setlamo se se di gogang kwa pele mo go direng dilo ka mokgwa o moša, YBB e na le sengwe se seša se e batlang go se bolelela botlhe.  Tsebe eno ya setsha sa ithanete e naya botlhe ba ba nang le seabe mo tirong ya rona dikgang tse dintšhantšha mo Yunibesiting, mmogo le dipholô tse di kgatlhang thata tsa patlisiso, mananeo a maša a thuto, thulaganyo ya tirisanommogo, diphitlhelelo tsa badiri le tsa baithuti le kgatelopele e e dirilweng ya go tokafatsa maduo a phalolo ya ditlhatlhobo a baithuti ba rona.

Mo godimo ga moo, dikgang tsotlhe tse di golotsweng ke YBB fa e sa le ka 2004 di ka bonwa mo tsebeng eno. Dikgololo tseno tsa dikgang di beilwe go ya ka dingwaga tsa tsone gore go nne motlhofo go di bona fa motho a di batla.

Go thusa babadi ba ba batlang gore ba se ka ba tlolwa ke dikgang dipe malebana le ditshwetso tsa bošeng tse di dirilweng ke Lekgotla la YBB, Lekwalodikgang la bošeng la Lekgotla le tsenngwa mo tsebeng ya setsha seno sa ithanete morago ga kokoano nngwe le nngwe ya Lekgotla.

Ka jalo, lekwalodikgang la kgwedi le kgwedi la Motlatsa-Motšhanselara le lone le teng mo setsheng seno sa inthanete, mmogo le ditokololo tse di bolokilweng mono tsa letlha le go fitlha ka 2004.

Jaaka go ntse ka dilo tsotlhe tse di kwadilweng mo setsheng sa inthante sa YBB, dikgang tse di leng mo ditsebeng tseno di kwadilwe ka Seesemane, Aforikanse le ka Setswana. Gore o kgone go bala kgang ka epe ya dipuo tseno, tobetsa mo bareng ya dipuo e e kwa godimo mo tsebeng go tlhopha puo e o e batlang.  

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka dikgang tsa kwa YBB, kgotsa ka dikgang tse di neilweng babegadikgang gore ba di phasalatse, ikgolaganye le Rre Louis Jacobs, Mokaedi wa: Ditlhaeletsano ka Tsa Kgwebo – lefapha la Merero ya Tsa Kgwebo & Dikamano le Ditlamo Tse Dingwe, mo atereseng ya Louis.Jacobs@nwu.ac.za kgotsa mo nomoreng ya (018) 299 4918.