Printer-friendly version
Gatisa
Share this
 

Maekorobioloji e tlile go bona Botitielonnye

POTCHEFSTROOM - Baithuti ba batlhano ba mo Maekorobioloji ka mo Sekolong sa Bosaense jwa Tlholego le Tlhabololo ya Tlholego ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom ka mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima(YBB) ba ne ba ikwadisitse mo kgaisanong ya ntlha ya diyunibesiti ya setšhaba mme ba fenya kabelo ya R5 000 ka mo karolong ya Best Label seno sa bone se se biditweng, Wernicken – liquid enlightenment.

Mo godimo ga kgaisano e, kwadiso ya setlhopha e dirile gore ba amogele thuso ya madi ya go ka tsenyetswa boitielonnye ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom. Setlhopha sa YBB ke setlhopha se le sengwe fela mo go ba ba thataro mo kgaisanong ya SAB(Suid-Afrikaanse Brouerye) ka tirisano ya SETA ya Foodbev le IBD(International Brewery & Distillery), se se neng sa ikwadisa kwa ntle ga go na le boitielonnye. Ba mo Potchefstroom morago ga moo ba ile ba amogela lebone le letala la roboto go tswa go SAB gore ba simolole go baakanyetsa mediriso e mošwa e ka mo Maekokobioloji.

Maikaelelomagolo a kgaisano e ke go gogela diyunibesiti ka mo setsong se se tlotliwang sa Aforika Borwa sa go titiela majalwa le go gogela baithuti ka mo ba ka bonang dibasari. Gape maikaelelo a ne a le go biletsa ditalente mo baithuting ba ba nang le kgatlhego go bona boiphediso ka mo ditirong tsa mo boitielong.

YBB e ne e gaisane le Diyunibesiti tsa Pretoria, Witwatersrand, Kapa, Stellenbosch le ya kwa KwaZulu-Natal mme go ne go lebeletswe boleng jwa bojalwa, ditshwao tsa dibotlolo le dipuo tsa baikwadisi. Lager, ale le bojalwa bo bo rileng di ile tsa atlholwa ke batatsi ba ba kwadisitsweng ba bojalwa mme ditshwao tsa dibotlele le dipuo di ile tsa atlholwa ke baemedi ba SAB le SETA ya Foodbev le ba IBD Aforika.

Mor Jaco Bezuidenhout, motlhatlheledi wa Sekolo sa Bosaense jwa Tlholego le Tlhabololo ya Tlholego(Maekorobioloji), o itumetse thata ka ga kgang e e monate go ka na le boitielonnye ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom. O rile gape gore “Se se ka dira gore mo dikgaisanong tse di tlang re kgone go gaisana sentle le diyunibesiti tse dingwe. Ka boitielonnye ka mo Khamphaseng baithuti ba rona ba na le maikaelelo a go tlisa sekgele sa Ben Lamaletie – IBD Legend sa 2009 mo Potchefstroom ka bojalwa jwa bone jwa Wernicken”.

? Batitiedi ba kwa Tukkies ba fentse sekgele sa Ben Lamaletie – IBD Legend ka bojalwa jwa bone jwa American Pale Ale mme ba bona le basari ya madi a kana ka R125 000 gore ba tswedise dithuto ka mo dithutong tsa botitielong le dirutwa tse di tsamaisanang. Ditokololo tsa setlhopha di amogetse R10 000 gore di e kgaoganye mme Lefapha la Boenjineri jwa Khemi le abetswe le lone R10 000.

 Bier1_1

Baithuti ba Maekorobioloji ba mo YBB mo Khamphaseng ya Potchefstroom ba ba neng ba ikwadisitse ka mo kgaisanong ya boitielonnye ke, mo pele, Andia van Niekerk, Abraham Mahlatsi le Simone Ferreira, mme kwa morago ke Jerry Lourens le Danie Brink.

 wernicken

Setshwao sa mo botleleng se se dirileng gore baithuti ba maekoroboiloji ba fenye kgaisano ya boitielo. Bojalwa jwa setlhopha sa YBB se itsiwa e le Wernicken – liquid enlightenment.