
TlhabololseŠwa sa lefelo la WEPE le bontsha gotlhe
OFISI YA SETHEO – Lefelo la Wepe la Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) le mo tseleng ya go bontsha sefatlhego se sešwa, maitemogelo le mabaka a tokafatso a eleketeroniki jaaka batsayakarolo ba kopile.
YBB mo nakong e e fetileng e kopile batsayakarolo ba bagolo go dirisana mo patlisisong ya go tlhabolola sešwa lefelo la wepe gore go amogelwe dikakanyo tsa bone ka ga lefelo la wepe la jaanong jaana. Patlisiso e tlhometswe mme yone ke karolo ya tlhabololosešwa, kopantsho le taolo ya lefelo le lešwa la YBB la wepe, mme e dirisitswe go bona gore batsayakarolo ba bona jang lefelo la wepe la jaanong jaana mme ditlhokego tsa bone tsa ntlha ke eng.
Baalumni, batsadi ba baithuti ba jaanong jaana le baithuti le badiri ba jaanong le ba bokamoso ba Ofisi ya Setheo le ba dikhamphase tsa Mafikeng, Potchefstroom le Khutlotharo ya Lekwa ba ile ba tsaya karolo mo patlisisong mme palokgolo ya dikarabo di le 901 di ile tsa amogelwa. Batsayakarolo ba ile ba ntsha maikutlo a bone le maitemogelo a bone ka ga tse ba di ratang le tse ba sa di rateng ka dintlha tse di mmalwa.
Dintlha tse di ileng tsa bonwa go tswa mo patlisisong ke tse di latelang:
• Baarabi ba re tshedimosetso e ba e batlang le e ba e amogelang ka mo lefelong la wepe nako e ntsi e teng mme e tsofetse, e tlhaela fa le fa mme e bokete go bonwa ka gore popogo ga e a siama kapa mmepe ya lefelo e a tlhaela
• Go bona tsela ka mo lefelong la wepe go tlhoka go tokofatswa – nako e nngwe go thata go bona tshedimosetso ka gore go na le dilinki tse dintsi kapa di dintsi thata
• Dilinki di tshwanetse go bonagala sentle mme di amogele badiri mme di tlhaolwe sentle ka ditlhopha
• Se baarabi ba bantsi ba ka ratang go se bona ka mo lefelong la wepe le lešwa la YBB ke kalentara e e bontshang ditiragalo le gore go nne le kamore ya dipuisano
• Baarabi ba ka rata gore didikerii, dikhoso le diporokerama tsotlhe tse di rutiwang ka mo YBB di beiwe mmogo ka mo wepeng gore go nne botoka go di sekaseka
• Baarabi ba ka rata go na le tshedimosetso e e tseneletseng ya dikerii, khoso le porokerama e nngwe le e nngwe e e rutiwang ka mo YBB le tlhaloso e e khutswane mo go tsone, ditiro tse di ka diriwang fa o e feditse, ditshenyegelo, nako ya go ithuta, ditlhokego tsa go ka ikopela le go ikwadisa, jj.
• Tshono ya go ka kopa le go ikwadisa ka mo moweng go tlhokega thata
• Ba tlhoka dithulaganyo tsa mo inthanenteng tsa go ka bona melato ka mo ditšheleteng le tshedimosetso ya teng le ya tsamaiso gore ba kgone go amogela ditshupamolato le direkoto ka mo inthaneteng
• Tsebe ya gore mang ke mang ya baakatemi le badiri ba tsamaiso le tshedimosetso ya bone ya gore o ka ikopantsha kae le bone le kakaretso e e khutswane ya ditiro tsa bone e a tlhokega
• Popo le kutlo ya lefelo la wepe le tlhoka go tokofatswa
• Mafelo a kamogelo a tshwanetse go tlhomelwa jaaka e nngwe ya baithuti ba ba akanyang go tla go ithuta, e nngwe ya ba jaanong jaana le e nngwe ya baalumni
Jaanong jaaka diphetho di lebeletswe kgato e e latelang ke ya go tlhabolola leano le ditlha tsa go tswelela ka popo le tlhaloso ya diteng le popo ya wepe, tlhomelo le go tsenya tirong le go e dira diteko mme mo bofelong go tlhomelwe lefelo la wepe le lešwa la YBB le le tokofaditsweng.



