Printer-friendly version
Gatisa
Share this
 

MEKETE YA LETSATSI LA DITSHWANELO TSA SETHO YA YUNIBESITI YA BOKONE BOPHIRIMA

Ofisi ya Setheo – Moatlhodi Raymond Zondo, Ofisi ya Setheo – Judge Raymond Zondo, Moatlhodi Mookamedi: Kgotla ya Badiri le Kgotla ya Boikuelo jwa Badiri, di ne tsa utolola setlhogo se se reng, “Ditshwanelo tsa gago mo lefelong la tiro” kwa wekešopong e e neng e tshwaretswe kwa Yunibesiting ya Bokone Bophirima mo ketekong ya Letsatsi la Ditshwanelo tsa Setho la 2010. 

Moatlhodi Zondo o amile dintlha tse di jaaka go nna mefutafuta, tlotlo, tshiamo, boineelo, boikarabelo le boitshokelano mo lefelong la tiro

Wekešopo e ne e tshwerwe ka 24 Mopitlwe 2010 kwa Ofising ya Setheo kwa Potchefstroom. E ne e na le puo ka Moatlhodi Zondo, morago ga moo go ne ga bulelwa dipotso le dipuisano ka ga ditlhogo tsa kgonokono.

Boemedi go tswa kwa bathong botlhe ba YBB, e leng Dikhamphase tsa Mafikeng, Potchefstroom le Vaal Triangle le Ofisi ya Setheo (Institutional Office) ba ne ba tseneletse tiragalo e. Go dira setlhopha se se nang le batho ba ba farologaneng thata, baemedi go tswa mafapheng a puso gammogo le banalesebae ba ba farologaneng go tswa mo setšhabeng le bone ba ne ba laleditswe.

E ntshitswe ke Corporate Affairs and Relations.


Navrae: Anton Scheppel, Motsamaisi: Labour Relations Institutional Office
Yunibesiti ya Bokone Bophirima
018 299 4816
083 308 9995

Datum: 24 Maart 2010