Printer-friendly version
Gatisa
Share this
 

YBB Le Lekgotla la toropo ba etela kwa Sepeini

Potchefstroom - Ka halofo ya bobedi ya Ferikgong 2010 thomeletso ya go tswa mo Potchefstroom e ne ya ja nala kwa Madrid, motsemogolo wa kwa Sepeini go baakanya mabaka a a rileng morago ga gore ba itsise gore ba tlhophile Potchefstroom go nna legae la bone ka nako ya Thonamente ya Kgwele ya Maoto ya Lefatshe. 

Thomeletso e ne e na le makoko a 4 go tswa kwa Lekgotleng la toropo le ba babedi go tswa ka mo YBB.  Ka mo go ba bangwe, lekgotla toropo le ne la romela ramotse Mor Maphetle Maphetle.  Thomeletso ya YBB e ne e le Moporof Annette Combrink yo a tlhophilweng go nna modulasetulo wa Komiti ya Dithulaganyo tsa mo Gae(LOC) le Mor James Botha wa kwa ofising ya Molao ya mo YBB.

Setlhopha se ile sa tsaya karolo mo pontshong ya bojanala ya Fitur, kwa Madrid, mo ba ileng ba bontsha dibebofatsi tsa mo Potchefstroom mme lekgotla la toropo le ile la bua le toropo e nngwe kwa ntle ga Madrid go simolola tirisanommogo.
Dibebofatsi tsa Tshwaragano ya Kgwele ya Maoto ya Sepenišhi di ile tsa etelwa le tsone gore YBB e ikitsise ka ga maemo le boleng jwa tsone ka gore YBB jaanong jaana e mo tirong ya go fetsa go baakanyetsa manno le mabala a go ikatisa a setlhopha le go baakanyetsa le dibebofatsi tsa media le ba malapa a bone botlhe.

Sports Village yotlhe e tla tsaya batho ba ba kana ka 80 mme mo go bone ke batshameki, bakatisi, barulaganyi, difisioterapi, basididi le baapei le jj.
Combrink go ne go le monate go lemoga gore ruri boleng jwa dibebofatsi tsa mo Potchefstroom di kwa godimo mme le thomeletso ya go tsa kwa Sepeini se ne sa tlhomamisa se ka nako ya loeto la bone mo Yunibesiting ka 29 le 30 Ferikgong go tla go tlhola tswelelopele ya go baakanya dibebofatsi

A re bone ba ne ba kgatlhegile thata mme ba itumetse thata. Ntlha e e botlhokwa gone jaanong e e seng e siame ke go oketsa botelele jwa bodulelo jwa difofane. Balaodi ba setlhopha sa Sepeini ba itlhophetse go se dirise ditsela mme ba akanya go busetsa setlhopha sa bone ka pele mo Potchefstroom ka go ba fofisa.  Bokgoni jwa go ka tokafatsa boemadifofane ka tirisanommogo ya botlhe le karolo ya batho le dikgwebo tsa poraefete.

Spanje 2010
Moporof Annette Combrink, modulasetulo wa Komiti ya Dithulaganyo tsa mo Gae(LOC), ka mo pontshong ya bojanala ya Fitur, kwa Madrid, kwa Sepeini