
Khampase ya Khutlotharo ya Lekwa - Senthara ya Pholo
Ka ga rona
Tliliniki ya Konokono ya Tlhokomelo ya Pholo e na le badiri ba e leng mooki wa seporofešenale yo o kwadisitsweng le mogakolodi wa nakwana.
Kwa Tliliniking ya Konokono ya Tlhokomelo ya Pholo mo Moagong 25, mooki yo o kwadisitsweng o dira ditirelo tsa konokono tsa tlhokomelo ya kalafi go akaretsa le oka malwetse a mannye, mathata a pholo a a amanang le tsa pelego, go dira diteko tsa HIV/Aids le go naya kgakololo ka yone, go romela balwetse kwa batlameding ba bangwe ba tirelo ya pholo fa go tlhokega.
O tla go duedisa tuediso e nnye fela ya go go thusa fa o opiwa ke tlhog, o tshwerwe ke mala, mokgotlhwane le mofikela, mathata a tsa boimana, thulaganyo ya lelapa, go tlhatlhobiwa ga pholo ya gago ka kakaretso, ke gore, bolwetse jwa sukiri, kgatelelo ya madi, selekanyo sa sukiri mo mading, jj. Ditirelo tsotlhe tse di amanang le HIV/Aids di dirwa mahala.
E re ka a le mooki yo o kwadisitsweng, gape a ka thusa ka maemo a tshoganyetso a kalafi, go ritibatsa balwetse go fitlha ba romelwa kwa batlameding ba bangwe ba ba maleba ba ditirelo tsa pholo.
Fa go tlhokega, o tla leka go bona gore o tshwerwe ke eng, a bo a go rulaganyetsa nako ya gore o kopane le ngaka ya rona.Mogakolodi o thusa ka go naya kgakololo pele ga diteko tsa HIV/Aids le morago ga tsone. Tliliniki ya rona e ntšha ya Konokono ya segompieno ya Tlhokomelo ya Pholo e na le diphaposi-botlhatlhobelo di le tharo, phaposi ya go newa kgakololo,le phaposi ya maemo a tshoganyetso.


