Printer-friendly version
Gatisa
Share this
 

Khampase ya Khutlotharo ya Lekwa - Oewerspens

Ka ga rona

Oewerpens e tlamela botlhe ba ba leng mo Yunibesiting ka dijo tsa ka bonako, diseneke le dijo tsa tiragalo le fa e ka nna efe.

Oewerspens e tlamela Yunibesiti ya Bokone-Bophirima le ditheo tse di kwa ntle/ba ba kwa ntle ka tirelo e e seng kana ka sepe ya kapeo ka nako ya ditiragalo tse di rileng tse di jaaka meletlo ya manyalo.

Go na le dikioseke tse di rekisang dimonamone, dinotsididi le dijo tsa ka bonako mo mafelong a a kgonang go fitlhelelwa bonolo. Baithuti ba ba leng mo mafelong a bonno ba direlwa diphuthelwana tsa dijo tse di tlhokegang tse di jaaka senkgwe, maši, jj.

Go agiwa ga senthara e ntšha ya baithuti e e tlileng go nna le khafeteria e e botoka go tsweletsepele. Kioseke e e leng teng mo Moagong 6 e tla fetolwa go nna lefelonyana a bojelo la badiri.

Mmenejara wa Oewerpens gape o ikarabela ka go laola diphologolo mo Khamphaseng.