Printer-friendly version
Gatisa
Share this
 

LEGORO LA TEMOTHUO, SAENSE LE THEKENOLOJI

Tlhomamiso ka Tsa Boleng

Maikemisetso a YBB ke go nna yunibesiti e e tlhomologileng mo Aforika mme gore e fitlhelele seo, go botlhokwa thata gore dilo tse e di dirang e nne tsa boleng jo bo kwa godimo.

Boleng bo fitlhelelwa ka go dirwa ga dithulaganyo tsa mo teng ga setheo le tsa ka kwantle ga setheo mme bo okamelwa ke mookamedi wa tsa Boleng wa Setheo tirisanong mmogo le Ofisi ya Tsa Boleng ya Setheo.

Go itshekatsheko, jaaka tsela e e botlhokwa ya tlhomamiso ka tsa boleng, ke boikarabelo jwa mmenejara mongwe le mongwe yo e leng motsamaisi wa sekolo, yuniti ya lefapha kgotsa legoro mme go amana le diyuniti tsa thuto le tsa kemonokeng.

Ka nako ya tshekatsheko ya kwa ntle ga setheo, thulaganyo ya mo teng ga setheo e sekasekwa ke bomankge ba ba kwa ntle ga YBB. Boleng jwa mananeo a thuto le jone go lekolwa ke Lekgotla la Tsa Thutogodimo ya Komiti ya Boleng Jwa Thutogodimo (HEQC). Ditlamo tsa seporofešenale di nna le seabe sa tlaleletso ka go tlhoma mogopolo go tshekatsheko ya boleng jwa dithutego tsa seporofešenale le mananeo.

Legoro la Temothuo, Saense le Thekenoloji le dumalana le pholisi ya Yunibesiti ka ga tlhomamiso ka tsa boleng.

Tsamaiso ya bolaodi jwa tsa boleng e amana le ditiro tsotlhe tsa Legoro. Dikarolo tsa konokono tsa tsamaiso eno di akaretsa:

-

go tlhaola, go rulaganya, go laola, go boeletsa le go tokafatsa dikarolo tsothe tsa dithulaganyo tsa Legoro tsa tlhagiso-dikumo le go ema kgwebo nokeng.

-

Go sekaseka selekanyo sa go kgotsofala ga badirelwa le maikutlo a bone, le go sekasekwa ga baithuti go go dirwang ke badiri le go tokafatsa go dirwa ga ditirelo.

-

Go baya leitlho le go sekaseka tshedimosetso ya setlhopha sa botsamaisi e e amanang le go tsweledisetswa pele ga go tokafadiwa ga boleng jwa tsamaiso ya setlhopha sa botsamaisi le go dirwa ga tiro.

-

Go sekaseka mekgele ya Legoro ka metlha mmogo le dikumo tsa rona le ditirelo gore a ke tse di tshwarelelang, tse di lekaneng le tse di mosola.

-

Go tlhama, go tlhoma le go laola thulaganyo ya baithuti ya go ntsha dingongorego.

-

Legoro le dira dilo tumalanong le dipholisi tsa kaelo tsa thuto tsa tshekatsheko, go motereita, go dira patlisiso tsa YBB. Go sa ntse go tlhamiwa dibuka-kaelo tse di maleba.

 

Job Title

  Motlhankedi wa Tlhomamiso ka Tsa Boleng:
  Porofesa S H Taole

Mogala

  + 27(0)18 389 2126

Fekese

  +27 (0)18 389 2377

Imeili

  simeon.taole@nwu.ac.za

Lefelo

  Khampase ya Mafikeng, Kago ya A4 ya Saense ya Bonetetshi, Ofisi No. 2007