Printer-friendly version
Gatisa
Share this
 

Thekenoloji e tlhofofatsa thulaganyo ya go tlhatlhobiwa ga batlhatlheledi

Vanderbijlpark - E motlhofo go e dirisa e bile ke ya bošeng. Eno ke tsela e badiri le baithuti ba Legoro la Disaense Tsa Ikonomi le Thekenoloji ya Tshedimosetso ba tlhalositseng "clicker" ya thekenoloji ka gone morago ga ba sena go lekeletsa sedirisiwa seno sa thekenoloji mo thulaganyong ya bošeng ya go tlhatlhobiwa ga batlhatlheledi.

Thulaganyo ya tekeletso eno e ne e le go bona gore e mosola le go nna motlhofo go le go kae.

Mo nakong e e fetileng, baithuti ba ne ba tshwanelwa ke go tlatsa dikarata tsa go kwala maduo ka go tlhopha karabo mo go di le mmalwa fa ba ne ba dira tlhatlhobo eno fa go ne go lekeletswa "clicker" mme ba ne ba kopiwa gore ba tobetse fela konopo e e nyalanang le potso e e boditsweng ka go dirisa Power Point. 

Morago ga thulaganyo nngwe le nngwe ya tlhatlhobo, go ne ga kokoanngwa tshedimosetso, e bo e baakanngwa gore e nne mo fometeng e e tshwanetseng mme batlhatlheledi ba bo ba newa dipholo.  

NP clicker-a
Baithuti go tswa go Legoro la Disaense Tsa Ikonomi le Thekenoloji ya Tshedimosetso ba ne bošeng jaana ba lekeletsa thekenoloji e ntšha mo phaposing