Printer-friendly version
Gatisa
Share this
 

STUDENT COUNSELLING SERVICES

Home

 

Maikemisetso
Go tlhoma Ditirelo Tsa go Naya Baithuti Kgakololo tse di maleba le tse di dirwang ka mekgwa e meša mo nageng ya rona le kwa dinageng di sele ka boikaelelo jwa go tlhabolola bokgoni jwa baithuti jwa tlhaloganyo.

Maikaelelo
Boikaelelo jwa Ditirelo Tsa Go Naya Baithuti Kgakololo (Student Counselling Services [SCS]) ke go tlhoma ditirelo tsa go kaela, tsa tlhabololo le tsa bogakolodi tse di sa tureng tumalanong le maikaelelo a Yunibesiti. Se SCS e tlhomang mogopolo mo go sone ke go tlhabolola bokgoni jwa baithuti ka bongwe le jwa setlhopha sa baithuti ka boikaelelo jwa gore ba fitlhelele kalogo e e atlegileng. E re ka go gatelelwa kgang ya go dira gore moithuti a nne le bokgoni ka botlalo, boikaelelo jwa gore ke go dira gore a kgone go lebana ka katlego le dikgwetlho tsa fa a le mo tirong le go tshela botshelo jwa mogolo mo loagong ka tsela e e nang le maikarabelo.

Mekgele
Mekgele e e kgethegileng ya SCS ke go:

  • Go dira gore baithuti ba nako e e tlang le ba ba kwadisitsweng ba itirele mokgele wa tiro e e nang le maikarabelo le go ithuta tsela ya go tlhopha dikhoso ka kelotlhoko;

  • go tlhopha baithuti ka go thaya seno mo mekgweng ya bone e e farologaneng ya go dirisa tlhaloganyo le ya go sa dirise tlhaloganyo go tlhopha dithuto tse di farologaneng.

  • go lekola tiro ya baithuti bao maemo a bone a sa tsamaisaneng le dipatlafalo tsa kamogelo, tse di theilweng mo tekong e e kgethegileng ya go amogelwa mo Yunibesiting;

  • go tlhaola mathata a baithuti ba ka nnang ba nna le one go ya ka ditekotlhaloganyo le dikgato-tharabololo mo go tlhokegang gone le/kgotsa go romela baithuti kwa ditirelong tsa kemonokeng tsa akatemi tse di tshwanetseng;

  • go rarabolola mathata a tlhaloganyo a a nang le diphelelo tse di sa siamang mo kgatelong pele ya baithuti, gore baithuti bao ba kgone go dira ka katlego;

  • go tshwara dikokoano tsa go tlhabana botlhale le tsa bokgoni jwa tsa botshelo ka boikaelelo jwa go dira gore moithuti a nne le bokgoni ka botlalo le go tlwaelana sentle le tikologo e a leng mo go yone ya tsa thuto;

  • go ema nokeng baithuti ba ba ba nang le bogole jwa mmele, tumalanong le pholisi ya ga jaanong ya Yunibesiti, ka boikaelelo jwa go ba thusa go nna le seabe ka botlalo mo ditshonong tsa thuto tse Yunibesiti e ba bulelang tsone;

  • go rotloetsa le go tlhabolola bokgoni jwa badiri ka tsela ya seporofešenale; mme

  • jaaka yuniti e e neilweng tetlelelo-semmuso, go tlamela ka katiso ya seporofešenale ya baithutatlhaloganyo ba ntse ba le mo tirong mmogo le go ba katisetsa kalafi ya methapo ya mmele le tlhaloganyo.