Printer-friendly version
Gatisa
Share this
 

STUDENT COUNSELLING SERVICES

Go ba naya kgakololo ka tiro le go newa kgakololo

Mo malatsing a segompieno, baša ba le bantsi ba tsenela ditheo tsa go ithuta le ditheo tsa seporofešenale ba sena kitso e e lekaneng ya ditiro tsa seporofešenale le gore tiro e dirwa jang. Go fokodiwa ga kaelo ka tsa tiro mo dikolong le go gola ga palo ya ba ba tlhokang ditiro go baya lefapha la ditirelo tsa mekgele ya tiro ka fa tlase ga kgatelelo kwa ditheong tsa thuto ya go ba tlamela ka kaelo e e mosola ka tiro ba sa ntse ba le mo kereiting ya 9. 

Lefapha la Ditirelo Tsa Go Naya Baithuti Kgakololo ke lefapha la semmuso la Yunibesiti ya Bokone Bophirima le le dirisang diteka-tlhaloganyo go thusa bana ba sekolo go tswa go kereiti 9 go fitlha go ya 12 go itirela mokgele o o nang le maikarabelo wa tiro le go ithuta go tlhopha dikhoso ka kelotlhoko. Go ikaegile ka bokgoni jwa tlhago, kgatlhego, botho, mekgwa ya go ithuta le maikutlo a baithuti ba nako e e tlang, SCS e ka thusa baithuti ba ba ntseng jalo go dira ditshwetso tse di akanyeditsweng sentle malebana le seno. Gape, baithuti botlhe ba ba kwadisitsweng ba tlamelwa ka tirelo eno MAHALA mme e akaretsa dilo tse di latelang:

*Kaelo ka tsa tiro
*Go tlhopha mekgele ya tiro
*Go thusiwa ka ga go lemogwa ga bokgoni le go bo dirisa ka botlalo
*Thuso ka go romelwa go ya go bona thuso ka mathata a maikutlo le a mmele
*Thuso ya go kgona go ithuta ka katlego le go feta
*Thuso ka mathata a go ithuta le go romelwa go ya go bona thuso ya one
*Go dirwa diteko ga baithuti go bona gore a ba tshwanelegela ditiro tse di rileng, tse di jaaka khemeseteri, thutabomodimo, go rulaganngwa ga toropo le kgaolo, ditiro tse di amanang le tsa dijo, disaense tsa booki, tsamaiso ya dikarolo tsa mmele, disaense tsa metshameko, tsamaiso ya dikarolo tsa mmele ga bana, molao, disaense tsa badirisi le dikhoso tsa BEd.
*Tlhatlhobo e e kgethegileng ya go amogelwa

Teko kwa dikolong
Go ka nna ga rulaganngwa teko ya setlhopha.

Mo godimo ga moo, baithutatlhaloganyo ba golagana fela thata le diyunibesiti, dithekenekhone, dikholetšhe tsa setegeniki le tse dingwe tsa poraefete mme ka jalo ba ka kgona go dira ditshwaelo tse di mosola ka ga dithutoi tse di ka ithutwang kwa ditheong tse di ntseng jalo.