
Go nna moithuti wa nako e e tletseng mo khamphaseng ya Potchefstroom (pele ga kalogo)
Lenaneo la letsatsi lotlhe la baithuti ba nako e e tletseng mo Khamphaseng ya Potchefstroom le rutwa ka
Aforikanse.
Go dirilwe thulaganyo ya gore baithuti ba ba sa buweng Aforikanse ba nne le
bokgoni jwa go bua Aforikanse. Baithuti ba ka nna ba newa tetla ya go kwala diteko
le ditlhatlhobo ka Seesemane, go dira dikabelotiro tsa bone ka Seesemane le go botsa dipotso ka Seesemane
ka nako ya go tlhatlhelelwa.
Ka jalo tshedimosetso ya thuto e e umakiwang fa tlase e ka
Aforikanse fela. Difaele tsa PDF di ka buisiwa ka Acrobat Reader. Kgotsa fa o sa kgone go di buisa o ka leba
diwebosaete tse di farologaneng tsa magoro a mangwe.
Kitsiso ya Botlhokwa
Tshedimosetso ya Tshedimosetso ya thuto mo diwebosaeteng tseno e ka nna ya fetoga e bile ke
tshobokanyo ya dirutwa fela ka kakaretso tse di farologaneng.
Tshedimosetso eno e ne ya kwalwa jaana gore e nne ya matseno-kakaretso le ya go tlwaediwa ga baithuti mafulo mo khamphaseng.
Yunibesiti ga e kitla e sikara boikarabelo jwa diphoso dipe tse di ka dirwang fano.
Khalentara ya semmuso ya Yunibesiti e tshwanetse go lejwa ka dinako tsotlhe fa go kwalwa
kharikhulamo ya serutwa se se rileng se se tlileng go ithutwa.
Malebana le dipatlafalo tsa kamogelo re kopa gore o ikgolaganye le Ofisi ya g Amogelelwa Dithuto.
Magoro (tshedimosetso ya dithuto tsa pele ga kalogo):
Diatshe (BA)
Disaense tsa Tlhago (BSc)
Thutabomodimo (BA)
Disaense tsa Thuto (Go Ruta)
Disaense Tsa Ikonomi le Botsamaisi (BCom)
Molao (LLB)
Boenjenere (Blng)
Disaense tsa Pholo (Bpharm, Booki, jj)


