Printer-friendly version
Gatisa
Share this
 

Potgieter o tlile go emela borrasaense ba patlisiso ka lefaufau ba Aforika Borwa

Potchefstroom – Porofesa Marius Potgieter wa Lefapha la Patlisiso la Fisikisi ya Lefaufau kwa Khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima o tlhophilwe ke Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Patlisiso gore a emele borrasaense ba patlisiso ka lefaufau ba Aforika Borwa ka nako ya kokoano-kakaretso ya COSPAR kwa Bremen, kwa Jeremane ka Phukwi 2010.

COSPAR ke Komiti ya boditšhabatšhaba ya Patlisiso ka Lefaufau e e neng ya tlhongwa kwa London ka 1958 jaaka ya ntlha go tsaya dikgato tse di rulaganeng sentle tsa saense tsa go dira patlisiso ka lefaufau. Fa e sa le ka nako eo, go ne ga tlhomiwa kokoano-kakaretso le gore e  tshwarwe morago ga dingwaga dingwe le dingwe tse pedi.
Potgieter ke mmatlisisi yo Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Patlisiso o mo neileng maduo a A1 le go nna motlhatlheledi wa Fisikisi mo Khampaseng ya Potchestroom. Ano ka maduo a a kwa godimo go a feta otlhe a borrasaense ba ka a newang ke NRF.

Boikaelelo jwa COSPAR ke go rotloetsa patlisiso ka lefaufau mo dinageng tsotlhe, mme e gatelela gore go abelanwe dipholo tsa saense, tshedimosetso le dikgopolo ka go dira gore go tshwarwe kokoano e borrasaense botlhe ba nnang teng mo go yone go tla go tlotla ka tsa patlisiso ka lefaufau. Ba gakolola mokgatlho wa Merafe e e Kopaneng le mekgatlho e mengwe ya dipuso tse di farologaneng ka dilo tse di amanang le patlisiso ka tsa lefaufau.

Potgieter a re go dirisa saense ya go dira patlisiso ka lefaufau go a rotloediwa gore batho ba solegelwe molemo le gore e amogelwe ke dinaga tse di tlhabologang le tse di dirang patlisiso ka lefaufau.
A re fa e sa le Setlamo sa Patlisiso ka Lefaufau sa Aforika Borwa se tlhongwa ka 2009, babatlisisi ka tsa lefaufau ba Lefapha la Fisikisi le bone ba ne ba rata tiro eno e e kgatlhang.  

Kokoano e e latelang ka ga go bopa polane ya sathelaete e nnye le go e aga ya Aforika Borwa ene ya tshwarelwa kwa Cape Town monongwaga ka di 3 tsa Mopitlwe.
 

prof marius potgieter1b
Porofesa Marius Potgieter