
LEGORO LA KGWEBO LE BOTSAMAISI
Ka ga Rona
Ponelopele le Maikemisetso
Vision
Maikemisetso a Legoro la Kgwebo le Botsamaisi ke go ruta baithuti ba rona go nna baeteledipele ba kgwebo ba ba tla solegelang molemo diikonomi tsa mono gae le tsa lefatshe lotlhe ka go ba ruta thuto ya maemo a a kwa godimo, go dira patlisiso e e maleba le go dira gore ba nne le bokgoni mo tirong ya bone.
Mission
Boikaelelo jwa legoro ke go:
-
tlhomelela baithuti ka go ba naya katiso ya seporofešenale le go ba tlhatlhelela go tsenya ditlamo le dikgwebo tsa bone tsa mo isagweng boleng;
-
tlhagisa baithuti ba ba rutegileng sentle gore ba nne baagi ba ba nang le maikarabelo le maitshwaro malebana le tikologo le maikarabelo a bone mo loagong;
-
oketsa kitso ya bone ka dipholo tsa patlisiso, le go tsweledisetsa pele tlhabololo ya ditiro tse di farologaneng tsa thuto mo teng ga legoro; le go
-
ba ruta go nna le kitso ya bomankge le go nna le bokgoni jwa go tsenya boleng go baagi botlhe ka kakaretso.


