Printer-friendly version
Gatisa
Share this
 

LEGORO LA DIRUTWA KA MEKGWA YA BATHO - KHAMPHASE YA KHUTLOTHARO YA LEKWA
Sekolo sa Disaense Tsa Loago

Ditshwanelego le dikhoso tse di khutshwane

 

  • BA ya Bokaedi Jwa Boruti malebana le Mathata a Tsa Tlhaloganyo
  • BA ya Bolaodi Jwa Badiri ba Diintaseteri le Bolaodi Jwa Dikamano le Badiri
  • BA ya Boithata-Tlhaloganyo & Thutoloago
  • BA ya Boithuta-Tlhaloganyo le Bolaodi Jwa Dikamano le Badiri
  • BA ya Bodiredi-Loago le Boithuta-Tlhaloganyo
  • BA ya Bodiredi-Loago

 

Mo sekolong seno, go na le dikhoso tse di farologaneng tse ga jaanong jaana di rutwang le tse di tlhamiwang ke maloko a badiri.

Boithutatlhaloganyo

  • Go Ithutela Tiro ga Bagakolodi ba ba Kwadisitsweng ba Ntse ba e mo Tirong
  • Khoso e khutshwane ka ga Tsela ya Motheo fela ya Go Naya ba Bangwe Kgakololo
  • Ditiro tse di Tswelelang Pele Tsa Tlhabololo ya Seporofešenale Continuous Professional Development (CPD) tsa Baithutatlhaloganyo le Bagakolodi ba ba Kwadisitsweng.

Bodiredi-loago

  • Go tshwenyega thata mo maikutlong le Tatlhegelo
  • Go tlhatlhoba bana ba ba sotlilweng ka tsa thobalano le go ba thusa

Bolaodi Jwa Dikamano Tsa Badiri

Sekolo se ruta khoso-kakaretso e e gatetseng pele ka Dikamano le Badiri. Boikaelelo jwa dikhoso tseno tse di amogetsweng semmuso tsa South African Qualification Association (SAQA) (NQF-Maemo a bo 5) ke go tlamela baithuti ka pono e e atlabetseng le go dira gore ba tlhaloganye botsamaisi jwa Dikamano le Badiri, ka go latelela thulaganyo ya Melao e e Farologaneng ya Tsa Badiri mo Aforika Borwa.

Ditirelo Tsa Bagakolodi

Ditheo tse di farologaneng, go akaretsa le di-NGO, maokelo, dikereke, mekgatlho ya katlaatleloloago le diintaseteri tse di farologaneng mo lefelong la rona di tlamelwa ka ditirelo tsa bogakolodi.

Go tlamela ka ditirelo

Ditirelo tsa seporofešenale tsa boithutatlhaloganyo le tsa bodiredi-loago gape di direlwa batsadi-bana, borrabana, baithuti, bagolo le banyalani ba ba kopang thuso.

Barutegi ba kaela le go gakolola dikhamphani di le mmalwa mo mafelong a Khutlotharo ya Lekwa. Batlhatlheledi le bone ba nna le seabe mo diporojekeng tsa go dira patlisiso le ditiro sa sekao mo diintasetering tsa kgaolo ya Khutlotharo ya Lekwa.

Barutegi bangwe ba dira tiro ya go nna batlhatlheledi ba ba etileng le go nna batlhatlhobi ba ba tswang kwa ntle ba diyunibesiti tse di farologaneng mo Aforika Borwa le kwa moseja.

Ka jalo barutegi bano le batlhatlheledi ba naya baithuti pono e e lekalekaneng ka kgopolo le tiro.