
LEGORO LA DIRUTWA KA MEKGWA YA BATHO
Sekolo sa Disaense Tsa Motheo
Mafoko a Kamogelo a Mokaedi wa Sekolo
Ke a lo amogela mo boemong jwa Sekolo sa Disaense Tsa Motheo!
Re itumelela go bo o etetse setsha sa rona sa inthanete sa semmuso. Re solofela gore o tla itumelela go bo o re etetse. Gape ke solofela gore o kgona go bona tshedimosetso epe fela e o ka tswang o e batla. Go na le polelo nngwe e e itsegeng thata mo puong ya Se-Aforika e e balegang ka go re: mueni a songo hwalaho; dza maramani u nadzo! Moeng goroga re je; ba ba senang gone ba tla ba tshotse botlhale le mafoko a a mosola!).
Tsweetswee ikgolaganye le rona fa go na le sengwe se o ka ratang go tshwaela ka sone. Gape ke solofela gore go eta ga gago go tla go tswela mosola e le tota gore o kgone go tswa o itsholetse sengwe fa o tsamaya.
Sala sentle
Porofesa Christopher Rabali


