Printer-friendly version
Gatisa
Share this
 

LEGORO LA DIRUTWA KA MEKGWA YA BATHO - KHAMPHASE YA KHUTLOTHARO YA LEKWA
Sekolo sa Disaense Tsa Motheo

Ditlhopha tsa dirutwa

Filosofi

Hisitori
Go ithuta hisitori go dira gore re tlhaloganye botoka mekgwa le maikutlo a batho mo setšhabeng. Ka jalo, hisitori e ka tlhaloswa e le thuto ya mekgwa ya boitshwaro e e kgonegang go lemotshega, mme segolobogolo ditiro tse di leng botlhokwa mo setšhabeng. Hisitori ga e ithutelwe fela go bapala kitso ka dilo tsa nako e e fetileng, mme gape e ithutelwa go tlhaloganya botoka nako ya gone jaanong ka go nna le kitso e e boammaaruri ya nako e e fetileng. Hisitori e e leng saense e e buang ka batho e tlotla thata ka mekgwa ya batho e lebesitse go batho ba ba rileng mo loagong. Batho ke dibopiwa tse di kgatlhang, ba raraane e bile o ka se kgone go bolelela pele se ba tlileng go se dira, ka ntlha ya moo, go ithuta hisitro ke tiro e e tletseng botshelo e e kgatlhang le e e itumedisang fela thata.

Bolaodi Jwa Puso le Botsamaisi
Fa re bua fela ka kakaretso, Bolaodi Jwa Setšhaba le Go Busa ke thuto ya ka fa kgopolo le ditiro di kopanang ka gone go tlamela , gareng ga tse dingwe, ka ditlhoko tse di leng botlhokwa go di gaisa tsothe mo setšhabeng ka tirelosetšhaba e e mosola le e e nang le matswela e e dirwang ke puso le batlhomamolao ba yone, baatlhodi le ditheo tsa khuduthamaga mo nageng yotlhe, mo porofenseng le mo puso-selegaeng.

  • Ka mo go kgethegileng, Bolaodi Jwa Setšhaba le Puso bo ithuta dintlha tse di latelang ka tsla ya seanse: Lefelo la serutwa le seabe sa sone mo setšhabeng ssa puso jaaka sa Aforika Borwa 
  • Mofuta wa Molaotheo le gore o boleele jo bo kae
  • Go rulaganngwa ga ditheo tsa puso tsa botlhomamolao, tsa boatlhodi le tsa bokhuduthamaga Mofuta wa ditirelosetšhaba le bontsi jwa tsone mo mafapheng a le 3 a puso
  • Dithulaganyo tsa botsamaisi tse di jaaka go loga maano, go rulaganya, badiri le setlhopha sa botsamisi sa ditšhelete
  • Lefelo le seabe sa mekgwa e dilo di tshwanetseng go dirwa ka yone
  • Lefelo le seabe sa thekenoloji ya tshedimosetso

Dithuto Tsa Sepolotiki
Se Dithuto Tsa Sepolotiki di tlhomileng mogopolo mo go sone ke mo dipolotiking ka kakaretso mme segolobogolo mo dikgopolong tsa puso. Dipolotiki, go ya ka Puso, di golagana ka tlhamalalo le go dira ditshwetso (go dira dipholisi). Go dira ditshwetso tsa sepolotiki malebana le ditlhopha tse dikgolo tsa batho go tla nna go ntse go tsamaisana le dikgopolo tsa maatla le tlhotlheletso, ka ntlha ya gore dikgopolo, dilo tse batho ba di eletsang le tse ba di kgatlhegelang ga di kitla di bo di tshwana.

Malebana le dintlha tseno, boikaelelo jwa Dithuto Tsa Sepolotiki ke tlhaloso e e rulaganeng sentl ya ditiragalo mo teng le kwa ntle ga melelwane ya puso. Gape di ruta ka kamano fa gare ga dipuso tse di farologaneng, dipholisi tsa dipuso tseno, le gore ke ka ntlha yang fa di dira dipholisi tseno mo gare ga dipolotiki tsa boditšhabatšhaba.

Thutabomodimo