Printer-friendly version
Gatisa
Share this
 

LEGORO LA DIRUTWA KA MEKGWA YA BATHO

Mafapha a go dira Patlisiso

Jaaka karolo ya thulaganyo ya setheo ya go nonotsha tiro ya go dira patlisiso mo YBB, Legoro la Dirutwa Tsa go Ithuta ka Mekgwa ya Batho le ne la sekaseka go bona gore a go na le kgonagalo9 ya go tlhabolola mafapha a a leng mo Khamphaseng ka 2009. Jaaka karolo ya thulaganyo eno, legoro le ne la kopa babatlisiso ba ba dirang tiro e e tshwanang le eno go akanyetse go bopa ditlhopha tsa patlisiso tse di ka nnang tsa nna mafapha a semmuso a patlisiso a YBB mo isagweng. Kgato ya ntlha ya thulaganyo eno ya setheo ke go dira kitsiso ya semmuso ka lefapha la Maemo a bo 0. Lefapha la Maemo a bo 0 ke setlamo se se simololang patlisiso se Khamphase le Legoro le le lebang e le leo go ka diregang gore mo isagweng e nne lefapha la semmuso la patlisiso. Ga jaanong jaana, Legoro la Dirutwa ka Mekgwa ya Batho (VCT) le na le mafapha a le mane a maemo a bo 0 la patliisiso:

a) Go Ithuta ka Metsi
Moeteledipele wa setlhopha seno ke Porofesa JWN Tempelhoff (Johann.Tempelhoff@nwu.ac.za). Tiro ya saense e setlhopha se tlhomileng mogopolo mo go yone ke go ithuta ka metsi. Mekgwa e e dirisediwang go dira patlisiso ka selo se go dirilweg patlisiso e ntsi ka sone e theilwe mo mekgweng ya go dira patlisiso ka dilo di le dintsi. Gape, setlhopha seno se dirisana mmogo le babatlisisi ba ba leng mo lefapheng la semmuso la patlisiso kwa YBB la Tlhabololo e e Kgonang go Itsetsepela ya Loago.

b) Mekwalo ya bogologolo mo go e e fetogang ya gone jaanong
Moeteledipele wa setlhopha ke Porofea HJM van Deventer (Hans.Vandeventer@nwu.ac.za) mme tiro ya saense e setlhopha se tlhomileng mogopolo mo go yone ke go ithuta mekwalo ya bogologolo (ya bodumedi) le dithanolo (Baebele ya Sehebera / Septuagint / Peshitta/ Vulgate) le ka fa di dirang ka gone (Wirkungsgeschichte) mo mekwalong e e fetogang. Gape, setlhopha seno se nna le seabe mo lefapheng la semmuso la patlisiso, Lefapha la Thutabomodimo e e Tlhabolotsweng le Tlhabololo ya Mokgatlho wa Aforika Borwa.

c) Boitshoko jwa Baa ba Ba-Aforika Borwa
Moeteledipele wa setlhopha seno ke Porofesa LC Theron (Linda.Theron@nwu.ac.za) mme tiro ya saense e setlhopha seno se tlhomileng mogopolo mo go yone ke go tlhaola dilo tse baa ba Ba-Aforika Borwa ba ba leng mo kotsing ya dilo tseno ba tshwanelwang ke go di itshokela (sk, baa ba ba humanegileng, ba masiela, jj) gore ba tle ba kgone go feta mo go tsone ka katlego, le seabe se ba nang le sone mo tikologong le go dira gore go nne le dilo tse di tla dirang gore ba kgone go itshokela maemo ano. Ka mafoko a mangwe, se lefapha leno la niche le se dirang ke go bona gore Ba-Aforika Borwa ba lebana jang le maemo a ba leng mo go one a ba a itshoketseng.

d) Go Tlhaloganya Puo mo Maemong a a Raraaneng le go Dira ka Yone (UPSET)
Moeteledipele wa setlhopha seno ke Porofesa AJ van Rooy (Bertus.vanrooy@nwu.ac.za) mme patlisiso ya lefapha leno e amana le go tlhaloganya puo mo maemong a a raraaneng le go dira ka yone, segolobogolo mo dikarolong tse Go Dirwang ka Puo mo go tsone tse di nang le mekwalo ya mefuta e e farologaneng, dipuo tse di farologaneng le tse go kwalwa ga tsone, go buiwa ga tsone le go bonwa ga tsone go tlhagang ka nako e le nngwe fela mo go tsone. Tiro ya sone e engwa nokeng ke patlisiso ya motheo ya go tlhaloganya puo le go dira ka yone mo dikarolong tse di nang le mekwalo e e tseneletsen le go dira pharologano fa gare ga popegopuo le bokao jo puo eo e nang le jone (sk, kgopolo, dikamano fa gare ga yone le se e buang ka sone).