
LEGORO LA DIRUTWA KA MEKGWA YA BATHO
DIKAGO LE DIDIRISIWA
Sekolo sa Dipuo se se leng mo teng ga Legoro la Dirutwa ka Mekgwa ya Batho ke lefelo la konokono la ditiro tsa katiso le patlisiso, ke laboratori ya maemo a a kwa godimo ya thekenoloji ya puo e mo go yone baithuti ba katisediwang go dirisa didirisiwa tsa CAT (sk. SDL-TRADOS), Desktop Publishing (DTP), go tlhama setsha sa inthanete, serweboleta le go ranolela setsha sa inthanete mo dipuong tsa selegae, le go tlhama thanolo ya mafoko mo sekiring fa filimi e ntse e tshamekal.
Ofisi ya puo, CTrans e dira gore baithuti ba kgone go tlamela ka ditiro tsa go ranola, go tseleganya le go gatisa ka tlhwatlhwa e e sa tureng. Gape e tlamela badirelwa ba rona ba ba kwantle ga Yunibesiti ka ditirelo tsa puo, gareng ga tse dingwe, ka kgakololo, botseleganyi, thanolo le go baakanya diphoso mo mokwalong.


