Printer-friendly version
Gatisa
Share this
 

LEGORO LA DIRUTWA KA MEKGWA YA BATHO - KHAMPHASE YA KHUTLOTHARO YA LEKWA

GO DIRA GORE BOKGONI BO RE SOLEGELE MOLEMO

Bongwe jwa mekgele ya Legoro la Dirutwa ka Mekgwa ya Batho ke go nna le seabe le baagi le go ba direla ditirelo tse di maleba. Le fa go ntse jalo dikolo tse di farologaneng tsa Legoro leno di gatelela maikemisetso a tsone, a e leng go tlhagisa patlisiso ya boleng jo bo kwa godimo le go diragatsa bokgoni jwa rona ka tsela e ntšha.

Barutegi ba kaela le go gakolola dikhamphani di le mmalwa mo mafelong a Khutlotharo ya Lekwa. Batlhatlheledi le bone ba nna le seabe mo diporojekeng tsa go dira patlisiso le ditiro sa sekao mo diintasetering tsa kgaolo ya Khutlotharo ya Lekwa. Ka jalo barutegi bano le batlhatlheledi ba naya baithuti pono e e lekalekaneng ka kgopolo le tiro.