Printer-friendly version
Gatisa
Share this
 

LEGORO LA DIRUTWA KA MEKGWA YA BATHO

GO NNA LE SEABE GA BAAGI

Maikemisetso a Legoro la Dirutwa Tsa Mekgwa ya Batho ke go tlamela ka tsela ya maemo a a kwa godimO ya go ruta le go ithuta, go tlhagisa dipholo tsa boleng jo bo kwa godimo tsa patlisiso, le go direla baagi tirelo e e maleba.

Sekolo sa Disaense Tsa Motheo:

• Bokgoni Jwa Thutabomodimo: Badiri ba ba nang le bokgino jwa thutabomodimo ba nna le seabe thata mo dikerekeng. Ba a rera, ba ema batho ka lefoko mo ditirelong tsa kereke, ba ba naya kgakololo le go ntsha ditshwaelo tse di mosola mo dikopanong le mo dikokoanong.
• Modiri o bua ka metlha kwa dikerekeng ka boeteledipele jwa mo kerekeng, fa moruti ene a ema batho ka lefoko mo baaging ka ga kgogodi ya HIV/AIDS. Boikaelelo jwa go ema bareetsi ka lefoko ka ga ditšhelete ke gore go tilwe dikoloto ka go dirisa mekgwa e e siameng e e tswang mo Baebeleng le melaometheo ya yone mo malapeng.
• Makwalopaka: Gape, Sekolo se na le makwalopaka a le mararo. A mabedi a one, ke New Contree le Transdisciplinary, a a amogetsweng semmuso. Lekwalopaka la boraro, le le bidiwang Yesterday and Today, le sa ntse le tlile go amogelwa semmuso. Ka tsela eno Sekolo se kgona go tlamela botlhe mo setheong sa thuto mo nageng le kwa moseja ka ditirelo.
• Tikologo e e itekanetseng: Maloko mangwe a badiri ba nna le seabe mo rotloetseng gore go nne le tikologo e e itekanetseng mo tikologong ya selegae le mo dikhamphaning. Lefapha la Niche la Go Ithuta ka Metsi le ne la amogelwa Semmuso ke Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Patlisiso (National Research Foundation NRF) Setlamo seno gape se dirisa bokgoni jwa babatlisisi mo tikologong.
• Tiro e e dirwang ke Lefapha la Niche e akaretsa go dira patlisiso ka boleng jwa metsi a Mmasepala wa Fezile Dabi. Ditiro tsa setlhpha se se dirang patlisiso ka metsi di nna le seabe se se botlhokwa mo go nonotsheng baagi gore ba tile kgotlhelo.
• Mekgatlho ya Tsa Thuto. Maloko a Thutabomodimo, Hisitori le Bolaodi Jwa Setšhaba le Botsamaisi a nna le seabe mo mafapheng a boeteledipele a mekgatlho ya thuto mme leloko la badiri le direla mo botong ya Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Hisitori ya Metsi.
• Baithuti: Baithuti ba nna le seabe se se botlhokwa mo go direleng baagi ditirelo ga Sekolo. Ka go ba ema ka lefoko le go ba okamela ka tsela go tlhokegang ka yone ba direla baagi ditiro tse di farologaneng.

Sekolo sa Dipuo:

Mongwe wa badiri ba Sekolo sa Dipuo ke Modulasetulo wa Patlisiso ka Puo le Tikatikwe ya Tlhabololo (Sesotho) kwa Yunbesiting ya Foreisetata, fa maloko a mangwe a badiri one a direla mo maikarabelong a a latelang:

• Motseleganyi-potlana kwa Mooivaal Media
• Motshwaedi ka Puisokwalo ya Aforikanse kwa Leserskring kwa Vanderbijlpark
• Moakgedi wa VUTFM
• Mogakolodi wa bokgoni jo bogolo jwa tlhabololo ya go tseleganya mokwalo kwa Mooivaal Media

Sekolo sa Thuto:

Alfred Trauma Centre (Vereeniging) le Catherine Robson Children's Home (Vereeniging): Baithuti ba BEd ba thusa bana ka dilo tse di jaaka mekgwa ya go ithuta, Mmetshe o o oketsegileng, dithuto tsa Seesemane le Aforikanse, tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae le go itshidila mmele.
Douglas Ministries: Bonno jwa bana ba ba nang le HIV: Baithuti ba BEd ba etela bana bano beke le beke le go ba thusa go tsamaya-tsamaya, go ba thusa ka bokgoni jwa go lemoga le ka ditiro tsa go tlhama , le ka tlhabololo ya puo.
• Go naya bana ba bahumanegi thuso ya potlako: Baithuti ba BEd ba ba falotseng tlhatlhobo ya bone ya thuso ya potlako ba thusa bana ka dilo tse di amanang le thuso eno ya potlako.
• Go ema bana ba sekolo nokeng: Holly Country (gaufi le Sasolburg), Ikagheng Shelter (Sharpeville), Lesedi Saturday School (Evaton), le Villa Lubet Children Homes (Vanderbijlpark, Meyerton le Vereeniging): Baithuti ba BEd ba thusa baithuti ka Lamatlhatso ka dilo tse di umakilweng ke setlhopha sa botsamaisi, go akaretsa le mekgwa ya go ithuta, dinako tse di oketsegileng tsa go rutwa, tiro ya kwa gae le go itshidila mmele.
• Magae a bagodi: Ons Gryse Jeug (Sasolburg) le Pioneer Home (Vanderbijlpark). Baithuti ba BEd ba thusa baagi ba mafelo ano mo thapameng ka ditiro tse di jaaka go ya mabenkeleng le go iphokisa phefo le bone. Gape ba aga botsalano le bone.
• SPCA (Vanderbijlpark le Heidelberg): Baithuti ba BEd ba thusa SPCA mo tshokologong ka ditiro dingwe tse di umakilweng ke setlhopha sa botsamaisi, tse di akaretsang go phepafatsa bonno jwa diphologotswana tsa mo gae, go di tlhapisa, go di boraša le go di fepa.
• Boitekanelo: Baithuti ba BEd ba thusa ka go apeela bahumanegi dijo.
• Porojeke ya Siyakhulisa Early Childhood Development (ECD): ECD e leka go tokafatsa boleng jwa go ruta jwa batlhatlheledi ba ECD mo Khutlongtharo ya Lekwa. Badiri ba ECD ba na le bokgoni e bile ditikatikwe tsa bone di etelwa go ela tlhoko gore ba dirisa kitso e ba e bapetseng.
Barutabana ba ba Nang le Boitshoko (REds): REds ke lenaneo la go ema nokeng batlhatlheledi ba ba amilweng ke HIV/Aids, le boikaelelo jwa lone e leng go godisa boitshoko jwa bone. Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Patlisiso (The National Research Foundation NRF) wa Aforika Borwa, Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) le Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Pholo (World Health Organisation WHO) o tshegetsa REds ka madi.