Printer-friendly version
Gatisa
Share this
 

LEGORO LA DIRUTWA KA MEKGWA YA BATHO

DIPHITLHELELO, DIAWATE LE DIKGANG

Diphitlhelelo, diawate le dikgang tsa gone jaanong di tlhomolola ntlha ya gore Legoro le na l bokgoni jwa go dira tiro ka mabogo a a duleng diatla. Ka nako ya tlhabololo le kgolo ya legoro leno, ntlhakgolo ee latelang e tshwanetse go elwa tlhoko mo sekolong sa Disaense Tsa Motheo:

• Go naya leloko la badiri maduo a NRF.
• NRF e lemoga Lefapoha la Patlisiso ka Metsi jaaka Lefelo la Niche (2007)
• Phithelelo ya lekwalopaka la Transdisciplinary ya go amogelwa semmuso (2007).

Sekolo sa Dipuo se motlotlo ka dilo tse di latelang:

• Leloko la badiri le ile la gatisa maboko a lone a ntlha-ntlha, e leng Lush ka 2007. Mo godimo ga go lalediwa go tla go nna le seabe kwa moletlong wa Maboko wa Aforika kwa Durban ka 2007, gape o ne a gaisanela Moputso wa Ingrid Jonker wa maboko ka 2008.
• Diawate tsa ITOU: Sekolo se ile sa ikgapela awate ya bobedi ka 2006 le awate ya ntlha ya 2007.
• Motlhatlheledi wa nakwana o ne a le moithuti yo o ba gaisitseng botlhe fela wa BA ka 2007.
• Ka 2008 thuso ya madi a NRF e ne ya amogelwa dingwaga di le pedi.
• Leloko la badiri le ne la newa tetlelelo semmuso ya SATI mo puong ya Aforikanse ka 2008.
• Leloko le le lengwe la badiri le ne la atswiwa ka ntlha ya go bo le ile la nna le seabe se se mosola mo kgatisong ya kaedi ya go ithuta ka 2008, fa le lengwe lone le ne la newa khompiuta e e kgethegileng ka ntlha ya go bo le ne le ikaegile ka go buisa dibuka tsa kgatiso ya difofu.
• Ka 2008 sekolo se ne sa etelwa ke Porofesa go tswa kwa Yunibesiting ya Copenhagen, yo o itsegeng ka bokgoni jwa go ranola mo sekirining.
• Leloko lengwe la badiri le ne la lalediwa go tla go nna motlhatlheledi kwa Yunibesiting ya Copenhagen dikgwedi di le thataro mo dirutweng tsa thanolo ya mafoko mo sekirining fa filimie ntse e tshameka, Ditlhamo tsa Aforika Borwa, le Dikarolo Tsa Boanedi jwa go Tlhalosa Mafoko, mme ba bangwe ba babedi ba ne ba lalediwa go tla go tshwara diseminara kwa Tikatikweng ya Thanolo kwa Yunibesiting ya Copenhagen ka 2008.
• Leloko la badiri le ne la amogela thuso ya madi a go dira patlisiso ya bokana ka R34 000 go tswa go NRF ka 2008.

Sekolo sa Disaense Tsa Thuto se motlotlo go bo:

• Porojeke ya patlisiso ya REds le porojeke ya Go Akanyetsa Dilo ka Kelotlhoko di ile tsa bona thuso ya madi ya NRF.
• Porojeke e e atlegileng ya Kereiti 12 ya tharabololo e e neng ya dirwa.
• Thuso e e neng ya newa ditikatikwe mo Khamphaseng yotlhe tsa bana ba ba iseng ba tsene sekolo mo makeišeneng a a farologaneng.
• Sekolo se neilwe kontaraka ya go katisa baithuti ba le 600 ba ACE.