
LEGORO LA DISAENSE TSA IKONOMI LE THEKENOLOJI YA TSHEDIMOSETSO - KHAMPHASE YA KHUTLOTHARO YA LEKWA
DIPHITLHELELO, DIAWATE LE DIKGANG
Rre Andre Mellet, motlhalheledi mo Sekolong sa Disaense Tsa Ikonomi, o ne a wina kgaisano e e tumileng ya ka 2007 ya Moikonomi wa Ngwaga ya ABSA-Beeld mme a gape maemo a bobedi ka 2008.
Moithuti wa Onase wa Go Laola Kgonagalo ya Ditatlhegelo Tsa Madi e leng Linda Dingiswayo (phaposi ya ka 2007) o ne a wina Kgaisano ya Bosetšhaba ya Tekanyetsokabo-Madi ya Old Mutual ka 2008.
Badiri ba babedi mo Sekolong sa Thekenoloji ya Tshedimosetso, e leng Mohumagatsana S Gilliland le Rre P. Jooste ba ne ba wina Awate ya Setheo ya Maemo a a Kwa Godimo a go Ruta (ITEA) ka 2008. Mohumagatsana M. Groenewald o ne a ikgapela moputso wa khoso ya batlhatlheledi ba baša wa go baakanya buka-kaelo ya thuto ka Ditsamaiso Tsa Kemonokeng ya Ditshwetso.
Leloko la badiri mo Sekolong sa Disaense Tsa Palomatlotlo, e leng Porof H Janse van Vuuren o ne a wina Awate ya Setheo ya Maemo a a Kwa Godimo a go Ruta (ITEA) ka 2009.
Re tsamaisa sentle baithuti ba rona ba babedi ba Masetase go tswa mo Sekolong sa Disaense Tsa Ikonomi, e leng Jabulile L. Makhalima le James L. Moleli Ba amogetse thuso ya madi a go ya go ithuta go tswa kwa Pusong ya Norway ka fa tlase ga thulaganyo ya go sa lekanyediwe thuto ga baithuti ba ba tswang kwa dinageng tse di tlhabologang. Diyunibesiti tse pedi di saenilwe memorantamo wa tumalano go sa le gale mono ngwaga. Baithuti ba ba itumetseng bano ba tlhagafaletse fela thata go ya go ithuta thuto e e tlileng go ba solegela molemo fela thata kwa Norway.


