Printer-friendly version
Gatisa
Share this
 

LEGORO LA DISAENSE TSA IKONOMI LE THEKENOLOJI YA TSHEDIMOSETSO - KHAMPHASE YA KHUTLOTHARO YA LEKWA

Mafapha a go dira Patlisiso

Selo sa ntlha se go dirwang patlisiso ka sone e leng kitso ya kgwebo le ditsamaiso tsa teng e tlhoma mogopolo, gareng ga dilo tse dingwe, mo patlisisong ka ditiro tsa kgwebo le dipalopalo tsa intaseteri, go kokoanya tshedimosetso ka tsa kgwebo, go boloka tshedimosetso, go tlhotlha tshedimosetso le mokwalo, go tlhama thulaganyo ya kgwebo, Dithuto ka Tsa Tlhago ya Ditsamaiso Tsa Tshedimosetso le go tlhamiwa ga webo, ditsamaiso tsa kemonokeng ya ditshwetso, IT e tala le go dirisana ga motho le dikhomphiutha.

Selo sa bobedi se go dirwang patlisiso ka sone, tshekatsheko ya diphelelo, e tlhomile mogopolo thata, gareng ga tse dingwe, mo dipatlisisong tsa diphelelo mo go tsa loago, ikonomi, sepolotiki, boithutatlhaloganyo, tsa ditšhelete, kgonagalo ya ditatlhegelo tsa madi, setso, thuto le tikologo.