Printer-friendly version
Gatisa
Share this
 

LEGORO YA DISAENSE TSA IKONOMI LE THEKENOLOJI YA TSHEDIMOSETSO - KHAMPHASE YA KHUTLOTHARO YA LEKWA

GO NNA LE SEABE GA BAAGI

Lefapha la Thuto la Gauteng le kopile Yunibesiti ya rona go katisa barutabana ba ba rutang IT mo dikolong tse di farologaneng.  Sekolo sa IT se ile sa sikara maikarabelo se eteletswe pele ke Mohumagatsana M Zeeman go ruta khoso e e telele ya go porokerema ka Delphi – puo ya go porokerema e e dirisiwang kwa dikolong. Ka 2004, go ne ga simololwa khoso ya ba ba simololang go ithuta go porokerema mme ka 2005 khoso ya kgatelopele mo tirong ya go porokerema e ne ya simololwa go dirisiwa.

Fa batsaya karolo ba sena go wetsa dikhoso tseno ba ne ba tshwanelwa ke go dira kabelotiro ya bone le go kwala tlhatlhobo ya go leka bokgoni jwa bone. Barutabana ba ne ba amogela setifikeiti go tswa kwa yunibesiting ka ketekomoletlo e e kgethegileng e e neng ya tshwarwa ka Tlhakole 2006. Sekolo sa IT se sa ntse se na le seabe mo go thuseng Lefapha la Thuto la Bosetšhaba go ruta IT kwa dikolong gore diyunibesiti di tsome baithuti ba IT ba ba nang le maitemogelo ka go porokerema.

Ka 2009 Mohumagatsana Zeeman o ne a ema setlhopha sa bagakolodi ba IT ka lefoko ba ba tswang mo nageng yotlhe kwa kokoanong ya go tlhabana botlhale e e neng e tshwaretswe kwa Bloemfontein go ba kaela ka go ruta IT kwa dikolong. Batlhatlheledi ba serutwa ya IT go tswa mo nageng yotlhe ba ne ba le teng kwa kokoanong ya go tlhabana botlhale e e tsereng beke yotlhe. 

Porof  Tielman Slabbert, Ngaka Wynand Grobler le baithuti ba morago ga kalogo mo Sekolong sa Disaense Tsa Ikonomi ba tshwaragane le go dira patlisiso ga jaanong jaana ka ga maano a go fokotsa lehuma mo kgaolong ya Lekwa. 

Porof  Jan Kroeze, Porofesa wa Patlisiso mo Sekolong sa IT ke motlhami wa webo wa Southern African Society for near Eastern Studies (SASNES). Boikaelelo jwa SASNES ke go rotloetsa go ithuta ka Near East (go akaretsa le Aforika Bokone) le go dira patlisiso ka tsone ka dipuo, padi, setso, bodumedi, hisitori le boithutamarope.