
TLHALOSO-KHUTSHWANE KA KHAMPASE YA LEKWA
Tlhaloso ka Bokhutshwane
Khampase ya Khutlotharo ya Lekwa e e fa dintshing tsa Noka ya Lekwa mo lefelong le le itsegeng thata la tlhago le le somarelwng, e na le moya o o tlhotlheletsang batho go dira le go tshameka. Selekanyo sa go atlega ga baithuti se kwa godimo ga sa maemo a a mo magareng, baithuti ba yone ba tlhotlheletsegile e bile ba tshwanelega ka botlalo, gape tiro ya go dira patlisiso, metshameko, kemonokeng ya baithuti le dikago tsa setso ke tse di tlhomologileng.
Le fa gone Khampase ya Khutlotharo ya Lekwa e le Khampase e nnye mo go tsotlhe tse tharo tsa YBB, e nnile le kgolo e e seng kana ka sepe mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng. Ka 2011, e ne e na le baithuti ba le 5 604. Maduo-gare a phalolo ya ditlhatlhobo a dimmojule tsotlhe tse di neng tsa rutwa mo Khampaseng e ne e le 82,4%, mme a kwa godimo go feta a gantsi Lefapha la Thuto ya Aforika Borwa le a beelang diKhampase.


Lengwe la mabaka a go bo Khampase e dira ka natla jaana ka dinako tsotlhe mo dithutong tsa yone ke bokgoni jo barutegi ba yone ba e leng badiri mo go yone ba nang le jone. Ka kakaretso, 82% ya batlhatlheledi ba yone ba na le di dikirii tsa Masetase le tsa bongaka, mme 30% yone e sa ntse e tshwaregile ka dithuto tsa yone tsa lekwalo la morago ga boalogane.
Fa re tla mo kgannyeng ya dithuto, Khampase e tlhomile mogopolo mo mananeong a a amanang le disaense tsa ikonomi, thekenoloji ya tshedimosetso le dithuto tse di amanang le mekgwa ya batho. Go na le magoro a mabedi a dithuto tseno di rutwang mo go one:
• Legoro la Disaense Tsa Ikonomi le Thekenoloji ya Tshedimosetso, le le nang le dikolo di le tharo (sa disaense tsa ikonomi, disaense tsa bobalamatlotlo le sa thekenoloji ya tshedimosetso). Ditheo tsa kgwebo le intaseteri di tseela kwa godimo thata Masetase ya Botsamaisi Jwa Kgwebo (Master’s in Business Administration MBA), (Lenaneo la Bogare la Botsamaisi (Middle Management Programme MMP) le Lenaneo le le Gatetseng Pele la Botsamaisi (Advanced Management Programme AMP).
• Legoro la Dithuto ka Mekgwa ya Batho le na le dikolo di le nne (dipuo, disaense tsa loago, disaense tsa motheo le disaense tsa thuto). Boeng jaana, batlhatlheledi ba le bararo go tswa kwa Sekolong sa Disaense tsa Thuto ba ne ba akgolelwa bokgoni jwa bone ka go newa diawate kgotsa thuso ya madi go tswa kwa ditlamong tse di jaaka sa Lenaneo la Patlisiso la Aforika Borwa le Netherlands malebana le Ditsela Tse Dingwe Tsa go Tlisa Tlhabololo (South African-Netherlands Research Programme on Alternatives in Development SANPAD) le go tswa kwa Mokgatlhong wa Thuto wa Aforika borwa (Education Association of South Africa EASA). 
Mo godimo ga moo, Khampase ya Khutlotharo ya Lekwa e na le dikhoso tse dikhutshwane le dikokoano tsa go tlhabana botlhale ka dilo tse di farologaneng, tse di tshwarwang ke Lefapha la Tlhabololo ya Dikgono.
Dikago tsa baithuti le tsa thuto ke tsa maemo a a kwa godimo ka ntlha ya tlhabololo ya tsone e e jeleng bokana ka R30 milione. Dilo tse dingwe tse di tlhabolotsweng ke laeborari le dikago tsa bonno tsa baithuti, e bile go sa ntse go agiwa diholo tse dia tsa botlhatlheledi mme lebala le lea la kirikete le ntlo ya tlelapa di a tlhabololwa.

Khampase e itiretse leina le lentle la go bo e di goga kwa pele mo metshamekong le mo dilong tsa setso. E na le Sekolo sa yone ya Kirikete le Sekolo sa Lobelo lwa Dibaesekele, mmogo le tlelapa ya lobelo lwa mekoro e e kwadisitsweng kwa Rowing SA. Go tsholetsa ditshipi e sa tswa go nna motshameko o baithuti ba o ratang thata.
Mo go tsa botsweretshi, baithuti ba Khampase ba itsege ka bokgoni jwa bone jwa metlotlo-kganetsano. Riverine Toast Master Chapter gantsi e nna le seabe mo ditiragalong tsa go bua phatlalatsa mme e thusa baithuti ba dikolo tse di leng mo lefelong la yone go tlhabolola bokgoni jwa bone jwa go bua phatlalatsa.


