Printer-friendly version
Gatisa
Share this
 

NWU-PUK-RUGBYINSTITUUT

Ka ga rona


Setheo sa Rugby sa Puk ya YBB sa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima se ne sa tlhongwa ka 2000 mme André Markgraaff e ne e le mokaedi-khuduthamaga wa sone. Fa e sa le ka nako eo, setheo seno se tlhagisitse batshameki ba ba nang le bokgoni jo bo seng kana ka sepe ba rugby.

Palo ya ditlhopha tse di nnang mo hoseteleng ya rugby e godile go tloga go tse 14 ka 2000 go fitlha go tse 34 tse di nnang le seabe mo dillokong tsa ga jaanong.   Kgolo e e seng kana ka sepe eno ya batshameki e bontsha moya wa rugby o re nang le one mo Khamphaseng ya Puk.

Ka diphitlhelelo tse dingwe gape tse di farologaneng tse se di fitlheletseng, Setheo sa Rugby sa Puk ya YBB gape se nnile setheo sa thešiari se se tumileng ka rugby mo nageng ya rona. Re na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore Setheo sa Rugby sa Puk ya YBB se baakanyetsa batshameki ba sone gore ba kgone go gagamalela mokgele wa tiro ya go tshameka rugby le o o fetang oo.

Tumalanong le molao, Yunibesiti ya Pele ya Potchefstroom ya Thuto e e Kwa Godimo ya Sekeresete (PU ya CHE) le Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) di ne tsa kopanngwa, mme tsa nna Yunibesiti ya Bokone-Bophririma (YBB) PU ya pele ya CHE jaanong e bidiwa Khamphase ya Potchefstroom ya YBB, e gape e bidiwang di-Puk Tsa YBB.

Setheo sa Rugby sa Puk ya YBB ke karolo ya di-Puk Tsa YBB. Seno se raya gore dithutego tse o nnang le tsone fa o tshameka kwa Setheong sa Rugby sa YBB-Puk ke dikhoso tse di amogetsweng semmuso ka botlalo tsa yunibesiti.