Printer-friendly version
Gatisa
Share this
 

FACULTY OF HEALTH SCIENCES
Research: Africa Unit for Transdisciplinary Health Research (AUTHeR)

Ka ga rona 

Patlisiso mo go AUTHeR e tlhomile mogopolo mo dirutweng tse di farologaneng tsa go rotloetsta boitekanelo ya Disaense Tsa Loago. Re dirile gore re dire dilo tumalanong le tlhaloso ya boitekanelo ya World Health Organization's (2007) e e tlhalosang gore "Go itekanela sentle ke boemo jwa go itekanela ka botlalo ga mmele, tlhaloganyo, le loago mme e seng fela go sa lwale kgotsa go sa nne bokao mo mmeleng". Seno se raya gore re leba boitekanelo ka botlalo re akanyetsa mmele, tlhaloganyo, loago le maemo a re leng mo go one le gore re kala boitekanelo mo sekaleng go tswa go bolwetse go ya go boitekanelong.

Ga jaanong jaana AUTHeR e na le mananeo-potlana a mabedi a konokono a a kopanyang melaometheo ya MOKGWA 1 le MOKGWA 11. Lengwe le lengwe la mananeo-potlana a mabedi le na le diporojeke kgota mananeo a le mmalwa a magolo a a engwang nokeng ka madi le dithuto tse di dirang gore re kgone go amogela palo e kgolo ya baithuti ba ba alogileng. Ka mananeo-potlana ano a mabedi, go kopanngwa ga dirutwa tse di farologaneng mmogo le patlisiso ya rona ya sekale se segolo (bolwetswe go fitlha go boitekanelo) go a dira. Bontsi jwa diporojeke/mananeo a magolo a a mo teng ga lengwe le lengwe la mananeopotlana ano a mabedi a ne a tlhamiwa go tswa mo go a mangwe, ka sekai dithuto tsa motheo le tsa go anama ga malwetse le go laola kanamo ya one (lenaneo 1; melaometheo ya MOKGWA 1) e e felela ka patlisiso e e tsenngwang tirisong le go tsenngwa tirisong le tshekatsheko ya dikgato-tharabololo (lenaneo 2; melaometheo ya MOKGWA 11), tse di re busetsang kwa patlisisong ya motheo ka dikgang tse di lemogilweng mo thulaganyong ya go dirwa ga seno. Tiro eno e bontshiwa ka marumo mo lenaanengthalong le le fa tlase.
 

LENANEO-POTLANA 1
Go anama ga malwetse le go laola kanamo ya one, go anama ga mathata le go tlhaolwa ga one le dinonofo mo sekaleng sa boitekanelo (bolwetse go ya go boitekanelong) le mekgwa e e farologaneng ya boitshwaro mo maemong a a farologaneng.Diporojeke/mananeo a magolo a a tshegediwang ka madi mo lenaneong leno ke: PURE, FORT, QOLPLPH, DCS,

LENANEO-POTLANA 2
Dikgato-tharabololo tsa go tokafatsa boitekanelo le boleng jwa botshelo mo maemong a a farologaneng mo mothong ka bongwe, mo baaging, mo loagong le mo maemong a tsamaiso.
Diporojeke/mananeo a magolo a a tshegediwang ka madi mo lenaneong leno ke CENPOLL, HOLDING HANDS THROUGH LIFEPLAN, EBPQI.