
LEGORO LA DISAENSE TSA IKONOMI LE THEKENOLOJI YA TSHEDIMOSETSO - KHAMPHASE YA KHULTOTHARO YA LEKWA
Sekolo sa Thekenoloji ya Tshedimosetso
Dithutego le dikhoso tse di khutshwane
Mo go BSc mo go tsa Thekenoloji ya Tshedimosetso baithuti ba ithuta dimmojule tse di latelang: Ditlhabololo tse diša ka tsa Thekenoloji ya Tshedimosetso, Dineteweke Tsa Khomphiutha, Ditsamaiso Tse di Dirisiwang key Khomphiutha, Mabolokelotshedimosetso, Go Porokerema, Ditsamaiso Tsa Kemonokeng ya go Dirwa ga Ditshwetso, Dipalopalo Tsa go Simolola, ka sekai. Porokeramo ya Saense ya Khomphiutha e kopanya dingwe tsa dimmojule tsa IT le le Dithuto Tsa Ikonomi kgotsa Tsa Dipalopalo jaaka serutwa-segolo sa bobedi. Morago ga moo go na le mananeo a mabedi a go okeditsweng ka one, le lengwe mo thutong ya IT mme le lengwe mo thutong ya go Tlhotlha Tshedimosetso. Ga jaanong jaana kharikhulamo e ka mokgwa o o latelang :
BSc ya IT
BSc ya Saense ya Khomphiutha le tsa Ikonomi
BSc ya Saense ya Khomphiutha le Dipalopalo
BSc ya IT e go okeditsweng ka yone
BSc e go okeditsweng ka yone ya Go Tlhotlha Tshedimosetso
Mo dithutong tsa morago ga kalogo Onase ya BSc ya Thekenoloji ya Tshedimosetso e tlhoma mogopolo mo go direng patlisiso e mo go yone baithuti ba ikwadisetsang go ithutela botsamaisi jwa porojeke, kemonokeng ya ditshwetso, go tlhotlha tshedimosetso le mo dimmojuleng tse di rutwang tsa go dirisana ga motho le khomphiutha. Mo dithutong tsa Masetase le tsa PhD baithuti ba ka nna ba ithutela fela Thekenoloji ya Tsheidmosetso kgotsa kgotsa Patlisiso ka Ditiro Tsa Kgwebo. Kharikhulamo ya morago ga kalobo e ka mokgwa o o latelang:
Onase ya BSc ya IT
Msc ya Thekenoloji ya Tshedimosetso
MSc ya Patlisiso ya Ditiro Tsa Kgwebo
PhD ya Thekenoloji ya Tshedimosetso
PhD ya Patlisiso ya Ditiro Tsa Kgwebo
Mananeo a Mmetshe wa Kgwebo le Tshedimosetso (BMI) a a rutwa mo Khampaseng ya Khutlotharo ya Lekwa ka Seesemane fela, le mororo batlhatlheledi botlhe ba ka nna ba kgona go thusa baithuti ka Aforikanse. Ga jaanong jaana mananeo a BMI a na le dikhoso di le nne:
Dipalopalo Tsa Go Laola Kgonagalo ya Ditatlhegelo Tsa Madi (e e bidiwang Khoso ya B mo BMI)
Mmetshe wa Tsa Ditšhelete (o o bidiwang khoso ya M mo BMI)
Go Tlhotlha Tshedimosetso / Go Kokoanya Tshedimosetso ka Kgwebo (e e bidiwang khoso ya 1 mo BMI)
Mananeo ano a tlhoma mogopolo mo dirutweng tse di farologaneng tse di akaretsang Mmetshe, Mmetshe wa Tsa Ditšhelete, Dithuto Tsa Ikonomi le Bolaodi Jwa Kgonagalo ya Ditatlhegelo Tsa Madi, go akaretsa le Banka ya Botsamaisi Jwa Go Laola Kgonagalo ya Ditatlhegelo Tsa Madi. Khoso nngwe le nngwe e na le dimmojule tse di kgethegileng tse di oketsegileng, Palomatlotlo mo khosong ya B, Tshedimosetso ya khoso I le Mmetshe mo khosong ya M.
Di golaganswe le lefelo la BMI
Baithuti ba BMI ba tsweletsa Onase ya bone ya Bsc le MSc mo dikhosong tseno mo Khampaseng ya Potchefstroom. bona tshedimosetso e nngwe ka dikhoso tseno, leba www.nwu.ac.za/bmi mme o laisolole Bukana ya Tshedimosetso


