
LEGORO LA DIRUTWA KA MEKGWA YA BATHO
Sekolo sa Dipuo
Mafoko a Kamogelo a Mokaedi wa Sekolo
Ke a go amogela mo tsebeng e simololang ya Sekolo sa Dipuo. Mo tsebeng eno, o tla bona tshedimosetso ka mananeo a rona a ba ba simololang dithuto tsa yunibesiti le ba lekwalo la morago ga boalogane a Go Dira ka Puo, Tlhaelelsano, Dithuto Tsa Puo le Puiso-Kwalo le Mekgwa ya Batho. Gape o tla bona tshedimosetso mo ditirong tsa rona tsa patlisiso le mo ofising ya rona ya puo, CTrans (Tikatikwe ya Thanolo le Ditirelo Tsa Seporofeenale tsa Thanolo)
Ka fa tlase ga Ctrans re tlamela le ka dikhoso tse di farologaneng tse di khutshwane mo tirong ya Go Dira ka Puo.
Tsweetswee ikutlwe o gololesegile go ka ikgolaganya le nna mo atereseng ya JanLouis.Kruger@nwu.ac.za fa e le gore o ka rata go ithuta go le gontsinyana ka lepe la mananeo a rona kgotsa ditiro.
Sala sentle
Profesa Jan Louis Kruger


