
LEGORO LA DISAENSE TSA TLHAGO
Sekolo sa Disaense Tsa Bonetetshi le Tsa Dikhemikale
Ditlhopha Tsa Serutwa: Saense, Mmetshe le Thuto ya Thekenoloji

Sekolo sa Thuto ya Saense, Mmetshe le Thekenoloji (School of Science, Mathematics and Technology Education SSMTE) go lebeletswe gore se thuse ka go tlhoma barutabana ba ba katisitsweng, ba ba tlhagafeteng mo tirong ya go ruta Saense, Mmetshe le Thekenoloji. Go fitlhelela seno, badiri ba Sekolo ba ikemiseditse go naya barutabana ba Saense, Mmetshe le Thekenoloji katiso ya boleng jo bo kwa godimo, go tokafatsa katiso ka dinako tsotlhe ka go itlwaelanya le dilo tse di diregang mo dithutong tseno mo nageng ya rona le kwa dinageng di sele le go tsenya letsogo gore ba thuse mo go tsone.
SSMTE e leka ka natla go fitlhelela mekgele e e latelang:
- Go katisa barutabana ba Saense, Mmetshe le Thekenoloji mo mananeong a semmuso le a e seng a semmuso.
- Go tlamela ka katiso ya morago ga kalogo mo Thutong ya Saense, Mmetshe le Thekenoloji.
- Go thusa ka tlhagafalo ka patlisiso mo Thutong ya Science, Mmetshe le Thekenoloji mo lefelong la go dira patlisiso la NQF 05 (Setlamo sa Go Ruta le go Ithuta)
- Go Rotloetsa Thuto ya Saense, Mmetshe le Thekenoloji ka go nna yone pele ya ntlha go tsaya kgato le ka go nna le seabe mo diporojekeng tse baagi mo setšhabeng, baithuti le barutabana ba nnang le seabe mo go tsone.
- Go thusa le go nna le tirisano-mmogo mo porofenseng le mo nageng yotlhe mo go tlhameng pholisi, maano le mekgwa le ditiro tse dingwe tse di tlhomileng mogopolo mo go rotloetseng go ithuta Saense, Mmetshe le Thekenoloji


