
LEGORO LA DISAENSE TSA TLHAGO
Sekolo sa Disaense Tsa Bonetetshi le Tsa Dikhemikale
Mafoko a Kamogelo a Mokaedi wa Sekolo
Sekolo sa Disaense Tsa Bonetetshi le Dikhemikale (School of Physical and Chemical Sciences SPCS) se naya baithuti thuto ya boleng jo bo kwa godimo e e maleba ya go ba baakanyetsa go tsena mo diintasetering tsa tiro ya seporofešehale. Gape, Sekolo se na le dirutwa tsa Boithuta-diphologolo, Khemiseteri, Fisika le Saense- le Thuto ya Mmetshe. Mananeo a a farologaneng a Dionase a baakanyetsa baithuti dithuto tsa morago ga kalogo e bile a dira gore ba bone fa go dirwa patlisiso ya maemo a a kwa godimo mo ditlhopheng tse di farologaneng tsa dirutwa. Baithuti ba tlhomeletswe gore ba kgone go tla ka thuso ya mokgwa o moša mo nageng ya rona le kwa dinageng di sele. Badiri ba rona ba ba nang le bokgoni jo bo seng kana ka sepe le ba ba ineetseng mo tirong ya bone ba tla tlhomamisa gore moithuti mongwe le mongwe o fitlhelela bokgoni jo a nang le jone ka botlalo.
Ithute le barutegi ba maemo a a kwa godimo!
Moporofesa Christien Strydom
Mokaedi
Mogala: 018 299 2340
Imeili: Christien.Strydom@nwu.ac.za
Magala le Femtochemistry


