Printer-friendly version
Gatisa
Share this
 

LEGORO LA DISAENSE TSA TLHAGO

Sekolo sa Disaense Tsa Tikologo le Tlhabololoniki le Jwa Khomphiutha

Sekolo sa Disaense Tsa Tikologo le Tlhabololo se na le maikemisetso a go tlamela ka katiso le patlisiso ya boleng jo bo kwa godimo e e dirwang go ya ditekanyetso tsa dinaga di sele, e e tlhomileng mogopolo mo bokgoning jo go ntshitsweng bosupi jo bo molemo ka jone mo disaenseng tsa tikologo le tlhabololo.

Go rulaganya Sekolo, go kopanya ditlhopha tsa dirutwa tsa motheo tse di jaaka Boithuta-dimela, Boithuta-ditshedi tse dinnye le Boithuta-diphologolo le Thutafatshe, fa re na le bontsi jwa ditlhopha tsa dirutwa tse di buang ka batho le ka Borulaganyi Jwa Toropo le Jwa Kgaolo, seno se tla tlamela ka dirutwa tse di tlhomologileng tsa go bopa katiso e e akaretsang dilo di le dintsi ya dirutwa tse di farologaneng le patlisiso go tlhomelela baithuti gore ba nne banetetshi ba ba katisitsweng ka botlalo ba tikologo. Tshekatsheko ya ka metlha e e dirwang go tswa kwa ntle e tla tlhomamisa gore mananeo ano ke a boleng.

Diporojeke tsa patlisiso di dirwa mo botsamaising jwa tikologo, go tokafatsa boemo jwa ikholoji le tlhabololo e e kgonang go itsetsepela, dimela le ditshedi le thutatshelo ya tshomarelo, disaense tsa metsi le borulagtanyi jwa toropo le jwa kgaolo.

Lefelo la go dira patlisiso: Disaense Tsa Tikologo le Botsamaisi

Banetetshi ba tikologo ba dira ka natla jaaka baithutatshelo le barutegi ba ba botlhokwa, babatlisisi, basomaredi ba tlhago, dimmenejara tsa naga, dimmenejara tsa tikologo, bagakolodi ba tsa tikologo, - baruni, - barulaganyi le – basekaseki ba diphelelo, bojanala le jaaka barulaganyi ba toropo le ba kgaolo.

Ikgolaganye le Sekolo go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka dirutwa, dikhoso, mananeo jj.