
LEGORO LA DISAENSE TSA TLHAGO
Sekolo sa Disaentse Tsa Bonetetshi le Tsa Dikhemikale
Ditlhopha Tsa Serutwa: Bonetetshi

Tlhaloso ka bokhutshwane: Moithuti yo e kileng ya bo e le wa Fisika
Tlhaloso ka Bokhutshwane: Ngaka Jaco Minnie (Moithuti wa pele wa Bonetetshi)
O goletse kae??
Kwa Vryheid, kwa Kwazulu-Natal.
Ke dithutego dife tse o neng wa ithutela tsone kwa Khamphaseng ya Potch ya YBB?
B.Sc. (Bonetshi le Mmetshe o o Tsenngwang Tirisong), 1999; M.Sc. (Bonetetshi), 2002; Ph.D. (Bonetetshi), 2006.
Ke dipatlisiso dife tse o nang le kgatlhego mo go tsone?
Ka nako ya ngwaga wa dithuto tsa me ke ne ka lemoga gore ke na le kgatlhego e kgolo mo disaenseng tsa tlhago. Ka jalo ke ne ka fetola dikhoso mo ngwageng wa me wa boraro (1998) go tswa mo go tsa boenjenere jwa motlakase go ya kwa go tsa Bonetetshi le Mmetshe o o Tsenngwang Tirisong.
O feditse nako e kana kang fa e feletse fano?
1996-2006 (Dingwaga di le somenngwe)
Re bolelele go se kae gore go tlile jang gore o fitlhe fa o leng gone jaanong jaana.
Ka 1999 ke ne ke tlhophelwa go nna mongwe wa ba ba tsayang Loeto lwa Patlisiso la bo 39 la Aforika Borwa la go Kgabaganya Antarctica mme ke feditse dikgwedi di le 15 kwa Antarctica go simolola ka Ngwanaatsele 1999 go fitlha ka Ferikgong 2001. Fa ke ne ke sa ntse ke thapilwe ke Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala; ke ne gape ke kwadisitswe kwa Sekolong sa Bonetetshi kwa Puk. Fa ke sena go boa kwa Antarctica ka 2001, ke ne ka simolola dithuto tsa me tsa bonetetshi ka nako e e tletseng mme ka wetsa M.Sc ya ne kwa tshimologong ya 2002. Morago ga moo ke ne ka ithutela Ph.D ka fa tlase ga bokaedi jwa ga mop. Adri Burger mme ka wetsa dithuto tsa me kwa tshimologong ya 2006.
Ka Lwetse 2005 ke ne ka simolola maemo a morago ga kalogo ya dithuto tsa bongaka kwa Setheo sa Patlisiso sa Bartol kwa Yunibesiting ya Delaware kwa USA.
Ke dipatlisiso dife tse o nang le kgatlhego mo go tsone?
Thuto ya me ya morago ga kalogo e ne e dira thata ka go tsamaisiwa ga diphatikele tse di nang le maatlaa motlakase mo lefelong lele nang le maatla-kgogedi a mantsi a mmakenete. Dilo tsa konokono tse ke neng ke di ithuta di ne di akaretsa go rarabolola dipalo mme thuto yotlhe ka kakaretso e ne e akaretsa go tlhama dirweboleta.
Difilimi tse o di ratang thata ke dife?
Terminator 2,3; The Matrix Trilogy; Lord of the Rings; Harry Potter; Star Trek.
Mmino o o o ratang thata ke ofe?
Ke rata bontsinyana jwa dipina tse di farologaneng - go ya ka gore ke ikutlwa jang.
Boporofesa le batlhatlheledi ba o ba ratang thata kwa Puk?
Mop. Harm Moraal (Bonetetshi), Mop. Adri Burger (Bonetetshi) le Mop. Japie Spoelstra.
O dira eng gone jaanong?
Ka bonako fela fa ke sena go goroga kwa Yunibesiting ya Delaware in 2005, ke ne ka kopana le motho yo e neng e tlile go nna mosadi wa me mo isagweng, e leng Rachel Mayrer. Re sa le re nyalana ka nako eo mme re soloetse ngwaga wa rona wa ntlha, yo o tla belegwang ka Motsheganong wa 2009.
Ga jaanong jaana ke mothapiwa wa Intergraph – e leng khamphani ya dirweboleta. Kantoro-Kgolo ya bone e kwa Huntsville, kwa Alabama kwa USA. Intergraph e na le diofosi kwa Us (Hampton le kwa Virginia), France le kwa India.
Ke dira kwa Hampton mo tirong e ke e direlang barekedi ba rona ya kumo ya 3D ya SmartMarine, ba ba jaaka Diintaseteri Tse Dikgolo Tsa Samsung tse di dirisang kumo eno go tlhama le go tlhagisa dikepe. Nna le setlhopha sa me sa batlhami ba ka nna 30 ba dirweboleta re tshwanetse go tlhokomela gore dikarolo tse di rileng tsa serweboleta sa SmartMarine 3D di dira sentle le go tlhama mekgwa e meša ya go dira ga tsone go ya ka fa barekedi ba rona ba batlang ka gone.
Nako e o e ntseng kwa YBB e go thusitseng jang gore o bo o dira se o se dirang ga jaanong?
Tiro ya me e batla gore ke bo ke na le bokgoni jwa go tshwaya-tshwaya diphoso le go akanya ka mokgwa wa go tlhatlhoba dilo ka tsela e e tseneletseng. Ga go na pelaelo epe gore ke bapetse dikgono tse pedi tseno kwa YBB. Segolobogolo ka nako ya dithuto tsa me tsa morago ga kalogo koo ke neng ka rutwa tsela e e botlhokwa ya botegeniki jwa go rarabolola dilo letsatsi le letsatsi.
O ka rata go ipona o le kae mo dingwageng di le 10 tse di tlang?
Nka rata gore ke bo ke le mo tirong ya me ya modiri wa dirweboleta gone mono mo USA.
Gore o nne le tshono ya go nna le seabe mo dithutong tse di rutwang ke Bonetetshi kwa Khamphaseng ya YBB ya Puk, ikgolaganye le Mop. Stefan Ferreira mo nomoteng ya 018 299 2423.


