Printer-friendly version
Gatisa
Share this
 

LEGORO LA DISAENSE TSA TLHAGO
Ditlamo tsa Patlisiso

Go Aroganya Ditsompelo Tsa Dikhemikale Tsa (CRB) 

header

CRB e tlhoma mogopolo mo go direng gore ditsompelo tsa bosetšhaba tsa Aforika Borwa tsa dimenerale le dikhemikale kwa porofenseng ya Bokone-Bophirima le ya Karolo e e Ka Fa Borwa ya Gauteng di nne le boleng. Di ka kgaoganngwa ka dikarolo tse pedi tsa konokono tsa kitso, e leng, ditsompelo tsa mmetael (tse di jaaka setlhopha sa dimmetale tsa polatinamo le chromium) le ditsompelo tsa khabone (tse di jaaka peterolo le dikhemikale, dioli tse dimela le dimela tse go dirwang melemo ya kalafi ya tsone).

CRB e kopanya dikhemikale tse di amanang ka tsela nngwe le dirutwa tsa boenjenere jwa dikhemikale jo bo tlhomamisetsang go tlamela setlamo se le sengwe fela se segolo go di gaisa tsotlhe sa Aforika Borwa, e leng diintaseteri ( tsa dikhemikale/diminerale/peterolo le dikhemikale/maatla a motlakase) tsa go tlhama, ka bokgoni jwa go dira patlisiso le ka babatlisisi ba ba katisitsweng sentle.