
LEGORO LA DISAENSE TSA TLHAGO
Sekolo sa Disaense Tsa Tikologo le Tlhabololoniki le Jwa Khomphiutha



Ditlhopha Tsa Serutwa: Boithuta Ditshedinyana
Go na le ditshedinyana tse di seng kana ka sepe go go dikologa, di dinnye thata moo o ka se kang wa kgona go di bona ka matlho. Thuto ya ditshedinyana tse dinnye ke ya go ithuta mefuta ya ditshedinyana tseno tse di ka tswang di akaretsa dibaketeria, dimela-metsing, dibaerase, bokoamesi le ditshedinnye tsa sele e le nngwe fela.
Ditshedinyana tseno tse di kgonang go bonwa fela ka maekerosekopo di kgona go tshela gongwe le gongwe. Di ka fitlhelwa mo mmeleng wa motho le mo teng ga one, mo metsweding ya tlhago ya metsi, mo botennyeng jwa lewatle, le mo teng ga metšhini e e fetlhang maatla a nyutlelia. Ka ntlha ya go fitlhelwa ga tsone gongwe le gongwe, di ama karolo nngwe le nngwe fela ya botshelo mo lefatsheng.
Ka maswabi, bontsi jwa batho ba itse ditshedinyana tseno tse di kgonang go bonwa fela ka maekerosekopo di le kotsi e bile di sa ratege, e le tse di bakang malwetse le pholo e e bokoa, mme jaaka sengwe le sengwe mo botshelong go na le sengwe gape se di leng mosola ka sone.
A o ko o akanye ka seno:
• Le fa gone go le boammaaruri gore ditshedinyana tseno tse di kgonang go bonwa fela ka maekerosekopo di ka go lwatsa, gape di ka nna motswedi wa dibolaaditwatsi tse di ka go fodisang.
• Le fa ditshedinyana dingwe di baka go senyega ga dijo, tse dingwe di nna le seabe se se botlhokwa thata sa go tlhagisa dijo.
• Le fa go nna teng ka bontsi mo metsing ga ditshedinyana tseno tse di kgonang go bonwa fela ka maekerosekopo go ka dira gore metsi a se ka a kgona go dirisiwa, ditshedinyana tseno tse di kgonang go bonwa fela ka maekerosekopo di na le seabe se se botlhokwa sa go tokafatsa boleng jwa metsi.
Ka bokhutshwane, go dirisa bokgoni jwa tlholego jwa dibaketeria go ka re tlisetsa mesola e le mentsi.
Ditshedinyana tseno tse di kgonang go bonwa fela ka maekerosekopo di na le seabe se se botlhokwa mo polaneteng yotlhe. Ditshedinyana tse di kgonang go bonwa fela ka maekerosekopo tse di amanang le lesedi di dira gore mefuta e mentsi ya dijo e kgone go nna gone ka go naya dimela khabonetaeokosaete, e jaaka fa re itse, botshelo mo polaneteng eno bo se kitlang bo nna gone kwantle ga yone. Ditshedinyana tse di kgonang go bonwa fela ka maekerosekopo gape di naya atemosefere naeterojene, e e dirang gore go nne le kgolagano e e molemo fa gare ga mefuta e e farologaneng ya dijo. Ka fa letlhakoreng le lengwe, Ditshedinyana tse di kgonang go bonwa fela ka maekerosekopo di baka go senyega le go dira modikologo wa dikotla, mme seno se tlhagisa dilo tse di kgonang go busediwa tirisong gape mo tikologong.
Dilo Tse di Akarediwang ke Boithuta Ditshedi Tse Dinnye
Kwa ntle ga botlhokwa jwa boithuta ditshedi tse dinnye, le go ithuta ka dimolekhule le disele tsa ditshedi tseo, go na le dithuto tse di jaaka thuta-dibaketeria, thuta-dibaerase, thuta-bokoamesi, thuta-dimela-metsing le go ithuta ka ditshedi tse di nang le sele e le nngwe fela. Le fa go ntse jalo, dithuto tseno di ka kgaoganngwa ka ditlhopha-potlana tsa dithuti tse di kgonang go tsenngwa tirisong jaaka diintaseteri, temothuo, tiro ya tsa kalafi le tikologo.
Ka bokhutshwane fela, bontsi jwa ditshono tsa go bona ditiro di dintsi fela jaaka ditshedinyana tse di kgonang go bonwa fela ka maekerosekopo ka botsone. Go botlhokwa go feta le e leng pele go tlhaloganya ditshedinyana tse di kgonang go bonwa fela ka maekerosekopo.
Boithuta Ditshedi Tse Dinnye kwa Yunibesiting ya Bokone Bophirima
Setlhopha sa dirutwa tsa Boithuta Diphologolo Tse Dinnye ke karolo ya Sekolo sa Disaense Tsa Tikologo le Tlhabololo, tse di akaretsang ditlhoha tsa dirutwa tsa Boithuta-diphologolo, Boithuta-Dimela, Jioloji, Thutafatshe le borulaganyi jwa Toropo le Kgaolo
Setlhopha sa dirutwa se ruta Boithuta Ditshedi Tse Dinnye mo ngwageng wa bobedi le wa boraro; dikgang tse go rutwang ka tsone mo dirutweng tseno di rutwa ke batlhatlheledi ba ba dirang patlisiso ka tlhagafalo le go gatisa ka ga tiro ya bone. Baithuti ba ba wetsang tiro ya bone ka tsela e e kgotsofatsang ba ka nna ba newa tiro mo lenaneong la M.Env.Sci.
Go na le dilaboratiro di le 6 tsa patisiso, tse di nang le mo e ka nnang baithuti ba le 20 mo Lefapheng. Ka jalo, e kgolo ka mo go lekaneng go ka tlamela ka lefelo le le tlhotlheletsang motho go dira patlisiso mo go lone go dira gore baithuti ba ba alogileng ba kgone go dirisana mmogo ba le mo lefelong le le lengwe.
Thuto
• Dikhoso tsa pele ga kalogo
• Dikhoso tsa morago ga kalogo
Mefuta ya ditiro
• Boithuta ditshedi tse dinnye tsa kalafi
• Ditshedi tse dinnye di mosola tota
• Dijo le Dino
• Mafelo a Mantle a a Kwa Ntle
• Kwa ntle ga Laboratori
Ka ga rona
• Lenaneo la Patlisiso la Morogo
• Dikgang: Go latswa tatso ya Biri 2008
• Badiri
• Ikgolaganye le Rona


