
LEGORO LA DISAENSE TSA TLHAGO
Sekolo sa Disaense Tsa Tikologo le Tlhabololoniki le Jwa Khomphiutha
Ditlhopha Tsa Serutwa: Boithuta Ditshedinyana



Boithuta-Ditshedi Tse Dinnye bo a dira: Boithuta-Ditshedi Tse Dinnye ka Kalafi
Ka nako ya bolwetse le ya pholo e e siameng
Mo tirong ya tsa kalafi, ditshedinyana tse dinnye di dirisiwa ka ditsela tse di farologaneng. Baithuta-Ditshedi tse dinnye ba na le seabe se se botlhokwa sa go batla ditsela tsa go tlhaola, go thibela le go oka malwetse a a farologaneng a a tshwaetsang. Malwetse ano a ka akaretsa HIV/AIDS, bolwetse jwa lehuba (TB), Mokgotlhwane wa baerase e e tshwaetsang, malwetse a thobalano (di-STD), diso mo teng ga molomo, go oboga letlalo ka fa tlase ga dinao, jj. Ka ntlha ya bontsi jwa batho bao tsamaiso-itshireletso ya mebele ya bone e sa kgoneng go itwela kgatlhanong le malwetse, ba tshabelwa ke malwetse a a farologaneng mme seno se dira gore baithuta-ditshedi tse dinnye ba nne le tiro e kgolo ya go dira patlisiso ka ditshedi tse dinnye tsa kalafi.
Dithekenoloji tse di tlhamilweng ke baithuta-ditshedi tse dinnye gape di thusa ka botegeniki jwa kalafi ya dijine tse di nang le malwetse. Malebana le kalafi ya dijine, go dirisiwa dibaerase go tsenya dijine tse di siameng mo teng ga tshedimosetso ya dijine ya molwetse. Thekenoloji ya dijine le yone e na le seabe sa go tlhama melemo ya kalafi le go tlhatlhoba malwetse go bona gore ke a mofuta ofe.
Maokelo
Mo dilaboratoring tsa maokelo baithuta-ditshedi tse dinnye ba tlhatlhoba disampole tsa balwetse, go tlhaola le go kaya gore ba na le megare efe le gore e ka alafiwa jang. Baithuta-ditshedi tse dinnye ba tsa kalafi gape ba dira tiro ya go thibela go tshwaediwa ke megare e motho a ka tsenwang ke yone kwa bookelong le go batla tshwaetsego epe e e ka nnang teng le go bolaya.
Megare mo dijining
Baithuta-ditshedi tse dinnye ba dira patlisiso ka popego le tiro ya dijine tse di nang le megare. Go tswa mo kitsong eno, go lebeletswe gore go bonwe dikalafi tse di mosola le go feta tse go ka alafiwang ditshedinyana tse dinnye tse di bakang malwetse ka tsone. Kitso eno e ka re thusa go tokafatsa tsela e re tlhaloganyang mosola wa megare ka yone jaaka e e leng teng mo tsamaisong ya rona ya go sila dijo.
Patlisiso ya tsa kalafi
Baithuta-Ditshedi tse dinnye ba tsa kalafi gape ba ka thapiwa ke setheo sa patlisiso le ke diyunibesiti. Mo ditheong tseno, ba dira patlisiso ka sengwe le sengwe fela go simolola ka go tlhaga ga malwetse le go anama ga one le ka fa a ka laolwang ka gone go fitlha ka megare mo dijining
Mo godimo ga moo, baithuta-ditshedi tse dinnye ba tsa kalafi ba ka thapiwa le ke diintaseteri gore ba ye go dira tiro ya go tlhama melemo ya kalafi le meento.
Tholoboikarabelo
Le fa boithuta-ditshedi tse dinnye jwa kalafi e le tiro e e kgatlhang thata le e e atlabetseng, go rutwa ka yone fela mo khosong ya ba ba sa ntseng ba simolola thuto eno kwa Yunibesiting ya Bokone-Bophirima. Mo godimo ga moo, patlisiso ya morago ga kalogo ya Disaense Tsa Baeoloji kwa Bokone-Bophirima e ikaegile ka tikologo e e direlwang mo go yone. Fa e le gore o kgatlhegela boithuta-ditshedi tse dinnye tsa kalafi morago ga kalogo, re go rotloetsa thata gore o dire kopo ya go ya go ithuta seno kwa yunibesiting e e nang le Legoro la Tsa Kalafi.


