Printer-friendly version
Gatisa
Share this
 

LEGORO LA DISAENSE TSA TLHAGO
Ka ga Rona

Dipatlafalo tsa Kamogelo

Ka ntlha ya melao-kakaretso e e beilweng le melao ya legoro e e leng mo dibukeng tsa ngwaga tse di maleba tse di umakang molao-A wa go ela tlhoko gore go bonwe Setifikeiti sa Bosetšhaba sa Sekolo se Segolo le gore dipatlafalo tsa semolao tsa go amogelelwa dithuto tsa Dipoloma le/kgotsa tsa B-dikirii  mo yunibesiting mo Aforika Borwa di a diragadiwa, Yunibesiti e na le tshwanelo ya go sekaseka dikopo tsa baithuti go ya ka dipholo tsa bone.

Go balelelwa ga maduo a APS:
 

Thulaganyo ya go dira tlhopho:
Go bona gore APS ke efe

Sekale sa NSC

Maduo a APS

8 (90-100%)

 8

7 (80-89%)

 7

6 (70-79%)

 6

5 (60-69%)

 5

4 (50-59%) 

 4

3 (40-49%) 

 3

2 (30-39%) 

 2

1 (0-29%) 

 1

(APS: Dintlha Tsa Maduo a go Amogelwa)

 

 

Maduo a APS
Go dirisiwa maduo a a fitlheletsweng mo dirutweng di nne tse di tlhophilweng le mo dirutweng tse pedi tsa NSC fa go balelelwa maduo a APS. Dimmaraka tse di fitlheletsweng tsa Tlwaetso ya Tsa Botshelo tsone ga di akarediwe.

Patlafalo ka puo
Go falola puo e go rutwang le e go ithutwang ka yone e moithutia e Buang kwa Gae kgotsa Puo ya Ntlha e go Okeditsweng ka Yone ka dimmaraka tsa bokana ka 50-59% (boemo jwa 4).

Moithuti ope yo o eletsang go ithuta dikhoso tsa Mmetshe, kwa ntle ga Botegeniki Jwa Mmetshe (WISN112 kgotsa WISN113), o tshwanetse go bo bobotlana a fitlheletse 50% (boemo 4) mo Mmetsheng mo tlhatlhobong ya Ker 12 kgotsa bobotlana 60% (boemo 5) mo tlhatlhobong e nngwe ya Mmetshe e Senate e e lebang e lekana le e e fa godimo.

Ditshwaelo
•  Baithuti ba ba sa fitlheleleng dipatlafalo tseno, mme ba fitlheletse bobotlana 40% (boemo 3) mo tlhatlhobong ya kereiti 12 kgotsa bobotlana 50% (boemo 4) mo tlhatlhobong e nngwe ya Mmetshe e Senate e e lebang e lekana le e e fa godimo, ba letlelelwa go tsenela khoso ya maikgakololo ya Mmetshe e e tla rutwang ka Ferikgong mo Sekolong sa Disaense Tsa Khomphiutha, Tsa Dipalopalo le Tsa Mmetshe. Fa baithuti bao ba dira sentle mo ditekong tse di kwalwang ka nako ya khoso eo, ba ka nna ba amogelelwa dithuto tsa dimmojule tsa Mmetshe tsa dikirii ya B.Sc.

•  Ba go ka diregang gore e nne baithuti ba rona ba mo isagweng mme ba sa fitlhelela dipatlafalo tsa materiki tsa go ikwadisetsa WISN111, ba gape ba sa nnang gone mo khosong ya maikgakololo, ba ka nna ba newa tetla ya go ikwadisetsa WISN111 mo ngwageng wa bobedi wa dithuto ka go falola mmojule o o tshwanetseng wa Botegeniki Jwa Mmetshe (WISN112, WISN113 kgotsa WISN123 ) mo ngwageng wa ntlha wa dithuto, fa fela e le gore baithuti ba ba newang tetla eno ya go tsenela mananeo a ba ka bong ba se kile ba letlwa go a tsenela , ba akanyeditse ntlha ya gore ba ka nna ba se ka ba kgona go wetsa dithuto tsa bone mo lobakeng-potlana lo lo beilweng.

•  Moithuti ope yo o eletsang go ithuta Botegeniki Jwa Mmetshe (WISN112,  WISN113 kgotsa WISN123), o tshwanetse go bo bobotlana a fitlheletse 40% (boemo 3) mo Mmetsheng mo tlhatlhobong ya kereiti 12 kgotsa bobotlana 50% (boemo 4) mo tlhatlhobong e nngwe ya Mmetshe e Senate e e lebang e lekana le e e fa godimo.